Breaking News

Go ikgapela botshelo go ketefalela ba masika

20 May 2026

Mogolwane wa mapodise a Serowe, Senior Superintendent Poloko Oteng o rotloeditse batho ba ba imetsweng ke dikgwetlho tsa botshelo go kopa thuso le dikgakololo go na le go tsaya tshwetso ya go ipolaya.

Rre Oteng a re go ikgapela botshelo go sena le fa ele molaetsa ope go tlhalosa modi wa mathata go tsisa ketsaetsego ka gore ba masika ba sala ba ipotsa dipotso.

A re fa gongwe go ipolaya motho yo a neng ba losika le ba lelwapa ba ikaegile ka ene.

Ka jalo, Rre Oteng o kgotlhaditse gore batho ba nne ba tsibogela mathata ka go batla tlharabololo le go sidilwa maikutlo go na le gore motho a ikgapele botshelo.

Rre Oteng o ntshitse kgakololo eo, morago ga gore a bege fa mapodise a Serowe a tlhotlhomisa leso la monna yo dingwaga tse di masome matlhano le bobedi (52) yo go belaelwang a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa wa kgotla ya Mpatshweu kwa motseng wa Thabala ka Sontaga.

Le fa go ntse jalo, a re ba tsweletse ka go tlhotlhomisa se se ka tswang se bakile gore monna yo, a ikgapele botshelo ka a sa tlogela molaetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2026