Dirisang di tsa tlholego go tlhama ditiro
20 May 2026
Batswana ba rotloedietswe go dirisa di tsatlholego go itshetsa le go tsosolosa itsholelelo.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke ba lephata la tshomarelo tikologo le Botswana University of Agriculture and Natural Resources (BUAN) e maikaelelo e neng e le go fa pego ya tshekatsheko ya tikologo (Botswana National Ecosystem Assessment Report), Professor Wame Hambira o supile fa tiro ya go kgobakanya pego, e simolotse ka 2022 mme e wela mono ngwaga.
Prof. Hambira o supile fa ba ne ba sekaseka demo tsa ditlhopa tsa di tsatlholego di le thataro, e bong, dithaba, makgobokgobo, dikgwa, dikaka, temo-thuo le majang.
Fa a bua ka dating tsa pego, Prof. Hambira a re ba itemogetse gore boleng jwa makgobokgobo bo fokotsegile ka 20 per cent.
“Dikgwa tsone di fokotsegile boleng ka 33 per cent,” Prof. Hambira a supa abo a tlatsa ka gore, boleng jwa temo-thuo le bone bo fokotsegile, mme e seng mo go kalo kalo. O tlhalositse fa dithaba le tsone di fokotsegile boleng ka selekanyo se se ka fa tlase ga 2 per cent, fa dikaka le tsone di fokotsegile mme e se mo go kalo kalo.
A re phokotsego e, e bakiwa ke phetogo ya loapi e e sa tsepamang sentle, leuba, metsi a mantsi a a tlang go sa solofelwa le tiriso e e botlhaswa ya di tsatlholego.
Prof. Hambira a re ditshekatsheko di kaile fa kitso ya setso ya go tlhokomela di tsatlholego e nyelela.
“Kitso e, e tlhoka go fologela kwa dikokomaneng tsa rona, le fa go supegile fa banana ba sena kgatlhego mo go yone. Mme, re tshwanetse go bona methale ya gore ga e nyelele,” Prof. Hambira a gakolola.
A re tlhotlhwa ya di tsatlholego e kwa godimo, mme ke nako ya gore go tlhamiwe dikgwebo tsa tlhotlhwa.
“Sekai ke tee ya Rooibos ya lefatshe la Afrika Borwa,” Prof. Hambira a supa, a tlatsa ka gore go ka dirwa dikgwebo tsa mafura a a apayang, melemo, ditlolo, didirisiwa tsa kago le dilwana tsa ntlo.
Go na le maungo a go ka dira mofine le majalwa a farologaneng, Prof. Hambira a kaya.
A re dilo tsedi ka dirwang di ntsi, mme se pego e se dirang gape ke go gakolola puso go fetola melao mengwe, go rutuntsha ka mafaratlhatlha le go gwetlha mebaraka. Prof. Hambira a re gore mohama wa di tsatlholego o atlega, dikgwetlho di tshwana le go bona madi, kitso le tse dingwe, di tshwanetse go rarabololwa.
Rre Lesego Seakanyeng, go tswa kwa lephateng la tshomarelo tikologo o supile fa maikaelelo a pego e le go kokoanya tshedimosetso ya motheo, go sekaseka diemo tsa di tsatlholego.
“Re ne re lebile matshego a le mararo, ba dira melawana (policy makers), botegeniki (science) le go dira (practice),” Rre Seakanyeng a tlhalosa a bo a tlatsa ka gore tshekatsheko e tsile ka tumalano ya mafatshefatshe ya di tsatlholego. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 May 2026


