Ba Dikwididi ga ba itumelele seemo sa tsela
19 May 2026
Banni ba motse wa Dikwididi ga ba itumedisiwe ke seemo sa tsela e e gokaganyang Modipane le Mabalane, e ralala motse wa bone, e e phuagantsweng ke rakonteraka.
Tsela e ya sekgala sa dikhilomithara tse 25, ke nngwe ya ditsela tse di dirwang ka lenaneo la Development Manager Model. Kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa-tona wa Lephata la dipagamo le dikago, Rre Keoagile Atamelang ka Mosupologo, banni ba boletse fa ba sa itumelele ka fa tiro e ya tsela e tsweletseng ka teng.
Tsela eo ya Modipane-Mabalane ya sekgala sa 25km e ne e dirwa ke konteraka ya Pro-Serve e tshwaraganetse tiro le ya Tau Grading, mme ka ntlha ya go nna le tlhoka-kutlwisisano, dikonteraka tseo di ne tsa felela di ya fa pele ga kgotla ya ditsheko.
Banni ba re ba ne ba kgona go dirisa tsela eo e le mo seemong sa yone sa lekgarapana, mme fa e sale e dirwa, ga ba kgone go e dirisa.
Ba boletse fa go phuaganngwa ga yone go ba baketse mathata ka jaana e sa tlhole e tsamaega.
Banni ba boletse fa tiro e e setseng e dirilwe ke rakonteraka e bakile gore metsi a eme mo tseleng, mme se se ba baketse mathata a mantsi a tshwana le koketsego ya monang, le gore maiteko a go bulela metsi ao, a bakile gore metsi a tswe mo taolong mme a ame dijarata tse di mabapi le tsela.
Mongwe wa banni, Mme Matshadi Tsae a re morago ga gore metsi a emeng mo tseleng a bulelwe, matlo a bone a kolobile, bana ga ba tsamae ka kgololesego go ya sekoleng le gore ba tlhorontshiwa ke monang.
Rre Mosinki Gare ene o boditse gore puso e ikaelela go dira eng ka mathata a a dirilweng ka bomo, le gore a ga gona ka fa puso e ka rarabololang mathata a borakonteraka ka jaana tsela e, e tshwaraganya masimo, meraka le metse, ka jalo e le botlhokwa fela thata.
Kgosi ya Dikwididi, Rre Letsebe Mpete ene o buile a menne phatla ka fa ba sa itumelang ka teng, a supa le gore go iphitlhela ba tswaleletswe ke metsi mo Dikwididi ba sa kgone go ya gope le gone go ba utlwisetsa botlhoko kwa pele.
Fa a tswa la gagwe, Tona Atamelang o ba kopile go se tlhoboge puso, mme a ba kopa go nna pelotelele a bolela fa go le thata go mekamekana le kgang e e setseng e le kwa makgotleng a ditsheko.
O ba boleletse fa puso e itlamile go rarabolola mathata a apereng motse wa bone mabapi le tsela e phuagantsweng ke rakonteraka yo a neng a thapilwe go e dira aka lenaneo la Development Manager Model.
A re puso e ikaelela gore ba thusiwe ka tsela e e bapilelg le e e dirwang gore ba kgone go tsamaa ka jaana tsela eo e golaganya metse e mentsi ya Kgatleng Botlhaba le toropo-kgolo Gaborone.
A re go ya pele, puso e tlaa dira melawana e e sireletsang Batswana gore ba seka ba amiwa ke ditlamorago tsa ditlhabololo, a bolela fa go tlaa nna le molao o o sireletsang puso fa e file rakonteraka tiro.
Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Mabuse Pule ene o boletse fa a eletsa gore puso e potlakele go fetsa tsela e, le gore e seka ya dirisiwa mo sepolotiking ka jaana se se ka e dia go fela.
O kopile banni go nna pelotelele, le gore go ya pele, puso e nne le madi a a seegetsweng fa thoko go kgona gore e feme diemo di tshwana le se se diragetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : DIKWIDIDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2026





