Breaking News

Kgosi Bimbo o bolokwa ka Matlhatso

19 May 2026

Kgosi wa pele wa Draaihoek mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Kgosi Charles Bimbo o tlaa bolokwa kgwedi eno e le masome a mabedi kwa Draaihoek.

Se se boletswe ke motlogolo wa moswi Rre Herman Bahuma mo potsolotsong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa dithulaganyo tsa phitlho di tsweletse sentle. 

Kgosi Bimbo o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le bongwe kwa kokelong ya Tsabong morago ga go lwala ka lebakanyana.

Rre Bahuma o ne a tlhalosa fa kgosi Bimbo a tshotswe ka ngwaga wa 1937 mme o tlhokafala ngwaga ono a le dingwaga di le masome a robabobedi le boferabongwe (89).

Rre Bahuma o ne a supa fa Kgosi Bimbo a ne a etelela morafe wa Draaihoek go simulator ka ngwaga wa 1985 mme a tlogela tiro ya bogosi ka bogodi ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2020 a le dingwaga di le masome a ferabobedi le boraro (83)

Rre Bahuma a re moswi o ne a etelelwa pele ke mohumagadi wa gagwe mme o tlogela bana le batsalwa le ene. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : TATOLO

Date : 19 May 2026