Matlo a BCL a tlaa lopa denationalizing tse di kwa tlase
19 May 2026
Tona wa Matlo le Bonno Rre Onneetse Ramogapi o boletse fa matlo a pele a moepo wa BCL a a neng a rekwa ke puso go tswa mo moreki wa moepo wa BCL a tlaa rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.
Rre Ramogapi o buile jalo bosheng jaaka a ne a buisa badiri ba pele ba moepo oo, jaaka a ne a ba fa tekodiso ka seemo sa thekiso ya one.
A re puso e tsere tshwetso ya go dira tshekatsheko e ntsha ya matlo ka jaana bontsi jwa one a le mo seemong se se sa siamang fa mangwe a santse a ruletswe ka asbestos, e e leng borai mo matshelong a batho le mo tikologong.
A re tshekatsheko eo ke yone e tlaa dirisiwang go tswa ka tlhwatlha e e ka dirisiwang go rekisa matlo, a supa fa tumelo e le gore tlhwatlhwa e tlaa nna kwa tlase ka mabaka a gore matlo ga a mo seemong se se siameng.
A re go isa ditlhwatlhwa tsa theko kwa tlase ke go fa bareki sebaka sa gore ba kgone go a shafatsa le gore ba seka ba nna le ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go a baakanya.
Rre Ramogapi o tlhalositse gape fa go tlaa sekasekwa go neela babereki ba pele sebaka sa gore ba ka tswelela ba duela matlo ka go kgaola ba ntse ba nna mo go one.
Go sa le foo Rre Ramogapi o tlhalositse fa dihosetele tsone di tlaa seka tsa rekisiwa ka jaana matlo a lekane botlhe ba ba sekasekilweng, a tlhalosa fa ba ba neng ba nna kwa dihosteleng le bone ba tlaa fiwa sebaka sa go reka matlo.
Rre Ramogapi o akgotse komiti e e neng e tlhomilwe go tsamaisa morero wa go dira ditsetlana tsa go rekisetsa badiri ba pele ba moepo wa BCL matlo a a neng a rekwa ke puso mo moreking wa moepo wa BCL.
Tona Ramogapi o supile fa tiro e e neng e beilwe komiti eo pele e ne e tlhoka go rarabololwa ka bonokopila le tshwaragano e e kwa godimo ka jaana e ne e bua ka matshelo a batho ga mmogo le pabalesego ya bone.
Le fa gontse jalo a re le ntswa tiro ya go abiwa ga matlo e ise e wediwe, o itumelela maduo a komiti e a ntshitseng, a re go dira dilo ka morero o o tsepameng go dira gore go nne motlhofo go tla ka tharabololo ya seemo sepe fela.
Rre Ramogapi o supile fa morero o tlaa tswelela o salwa morago go fitlhela kgang ya go abiwa ga matlo e wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego
Date : 19 May 2026




