Breaking News

Modupi o supa ngwao ka thekiso ya dijo tsa setso

19 May 2026

E re ka Motswana a rile phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Yarobi Modupi yo o dingwaga tse di masome a matlhano ke sekao sa seane seo ka a itirela letseno le go somarela ngwao ka kgwebo ya dijo tsa setso kwa Gumare.

Mme Modupi yo o tlholegang kwa motseng wa Nokaneng o nale dingwaga di le lesome a le mo kgwebong ya dijo, a rekisetsa mo lefelong la nakwana le le dirilweng ka dipolanka le le lebaganeng le marekisetso a khamphani ya leokwane  kwa Gumare.

Mo potsolotsong, Mme Modupi o tlhalositse fa go le pele a ne a rekisa serobe le magwinya go simolola ka ngwaga wa 2014 mme ya re ka ngwaga wa 2020 a bona gore a rekise dijo tsa setso gore a farologane le barekisi ba bangwe ba ba rekisang dijo tsa sesha.

A re ga a ikotlhaela go tsena mo kgwebong ya go rekisa dijo tsa setso jaaka mabele, setampa, seswaa sa podi le sa kgomo ka o bona dipoelo tse di botoka fela thata.

A re kgwebo ya gagwe e mo tlodisitse melatswana ka a kgona go godisa bana ba gagwe, go tlhokomela mme mmaagwe le batsalwa-le-ene.

Se a se itumelelang segolo ke go bo kgwebo ya gagwe e mo thusitse go re e nne morui wa dipodi.

A re e ne ya re ka ngwaga wa 2023 a simolola go reka dipodi tsa seshabo mme a re ka lesego a kgona go baya dingwe tsa tsone ka jalo dipodi tsa gagwe tsa ata, mme mo nakong ya gompieno a na le dipodi di tshwara masome mabedi le botlhano.

Mme Modupi o tlhalositse fa malatsi a kgwebo a sa tle ka go tshwana, a supa fa dinako dingwe theko e nna kwa tlase mme a bone madi a a rekang tse di tlhokegang fela, dipoelo tsone di seyo.

Le fa go ntse jalo, a re ga a ke a kgobega marapo le fa go sena dipoelo malatsi mangwe. 

A re batho ba tshwanetse go ikemela ka dinao le go itirela ka Modimo a file mongwe le mongwe matsogo le tlhaloganyo go itshetsa, e bile a re kgwebo e tlhoka bopelotelele ka dipoelo di ka se fitlhelelwe mo nakong e khutshwane.

O buile gape a re dipula ke nngwe ya dikgwetho tse a kopanang le tsone ka di ama kgwebo ya letsatsi ka di kgona go mo itsa go reekisa ka tshosologo.

Mme Modupi a re keletso ya gagwe ke gore kgwebo ya gagwe e gole a nne le marekisetso a magolo a dijo tsa setso gore a kgone go ka thapa Batswana ba bangwe, a nne le mmaraka o mogolo, e bile a kgone go ka bona ditiro tsa go fepha makalana a a farologanyeng le puso ka dijo.

A re mo nakong ya gompieno o thusiwa ke bangwe ba losika go apaya mme a tlhalosa fa a ba atswa gore le bone ba kgone go oba letsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 19 May 2026