Tumelo E Seka Ya Kgoreletsa bana Go Fiwa Lerotlhodi
11 May 2026
E re jaaka letsholo la go nosa bana lerothodi la go thibela bolwetse jwa go swa mohama le tsweletse, batsadi ba toropo ya Selebi Phkwe ba kopilwe go dirisana le ba lephata la botsogo go fitlhelela maitlamo a bone.
Mafoko ao builwe bosheng ke ratoropo wa khansesele ya Selebi Phikwe, Rre Oageng Makgosa a tlhalosa fa go sireletsa bana kgatlhanong le malwetse e le selo se se tswang kagakala, mme se na le maduo a molemo.
Rre Makgosa a re batsadi ba na le seabe se segolo mo go tlhomamiseng gore bana ba sirelediwa mo go tsenweng ke malwetse, jaaka jwa go swa mohama.
A re le fa Batswana ba farologana ka ditumelo, o ba rotloetsa gore ba seka ba ineela tsamaiso e e ka ba itsang go tsibogela se se dirwang ke ba botsogo go sireletsa bana mo malwetseng ka go farologana.
Mogolwane wa botsogo, Mme Nkidi Machaba a re bolwetse jwa go swa mohama bo a tshelwana, e bile bo tshabelelwa ke go nna fa go leng leswe ka jalo a rotloetsa setshaba go tlhomamisa gore fa ba nnang teng go nna go le phepa.
Mme Machaba a re mogare wa bolwetse jo o anama motlhofo, a tlatsa ka gore batsadi ba tlhokomele bana gore ba seka ba tshamekela mo mmung kana go ja mmu, ka seo ele tsela e motlhofo go anamisa mogare.
O tlhalositse fa bolwetse jwa go swa mohama bo tshabelela thata bana ba ba dingwaga tse tlhano go ya kwa tlase, mme bo kgona go fitlhelwa le mo bagolong.
A re ditlamorago tsa bolwetse jo di borai ka bo ka baka bogole, a tlhalosa fa dingwe tsa dikai tsa bolwetse jo e le go opiwa ke tlhogo, ditlhabi mo mmeleng, go selelega le go lapisega.
Mme Machaba a re tikologo ya bobedi ya letsholo la go kentela bana bolwetse jwa go swa mohama e tla nna ka kgwedi ya Seetebosigo e robabobedi go tsena e le lesome le motso.
O tlhalositse fa ba solofetse go kenta bana ba le 5 166 mo toropong ya Selebi Phikwe, kwa merakeng, masimo le mafelo a a mabapi.
A re tiro ya bone e ka kgonagala ka tirisano mmogo ya batsadi, batlhokomedi ba bana le ba lephata la botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 May 2026


