Banni ga ba Jesiwa Diwelang ke Borukutlhi
11 May 2026
Kgosi Kedirile Letshabo wa Molapowabojang o kopile mopalamente wa kgaolo ya Kanye botlhaba, Rre Prince Mosanana, go kopa tona wa lefatshe le temo-thuo go busetsa banni ba Molapowabojang polasi ya Molokwe.
O kopile gore polasi eo, e neelwe trust ya motse, ka lefofelo leo ele mafudiso a morafe.
A re go na le dipego tse ba di utlwalelang gore e neetswe mongwe ntle le go itsise mofare le bogogi jwa motse.
Kgosi Letshabo, o ne gape a supa fa Molapowabojang a tlhoka go agelwa ofisi ya sepodisi, ntateng ya borukutlhi jo bo golelang pele.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Oarabile Molema, mo tekodisong ya gagwe, o supile fa dikole di ditlhoka go baakanngwa, melemo le dipilisi di santse di tlhaela kwa kokelwaneng, seemo se se bakang gore batho ba palelwe ke go tsaa kalafi goya ka fa ba laetsweng ka teng ke ba botsogo.
Mme Molema o boletse gape gore seemo sa ditsela mo motseng se ngomola pelo ka go sena tsela epe e botoka.
Rre Mosanana o ne a supa fa Molapowabojang a le motona, a tlhoka ofisi ya mapodisi e e ikemetseng ka gore ke o ne motse o o salang Kanye morago ka botona.
A re o tlaa tlhotlhomisa ka polasi ya Molokwe mme a buse karabo mo nakong e e sa fediseng pelo.
Rre Mosanana a re maikaelelo e ne e le gore dikole di baakanngwe ka madi a ditlhabololo a dikgaolo (CCP) mo ngwageng o o fetileng mme madi ao a seka a bonala.
Le fa go ntse jalo, Rre Mosanana a re go dule madi a a itebagantseng le go baaakanya dikole, dikokelwana, matlo a bonno a barutabana, le baoki, a tlatsa ka gore sepatshe se ne se le makgwakgwa mme ngwaga o no, sengwe se tlaa bonala.
A re dikara tsa ditonki tse di neng di tsaya bana go ba isa sekoleng di emisitswe ka gore puso e ne e bona di sa siamela go palangwa ke bana mme mo bogompienong, tharabololo ga e ise e wele sentle.
O gakolotse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse gore fa nako ya bone ya dingwaga tse tharo e wela, go diriwe thulaganyo e e siameng ya gore ba ba tswang mo ofising ba neela ba ba tsenang pego ka botlalo ka gore ba ntse ba tshwere dithoto tsa morafe.
Rre Mosanana o boletse gape gore o tla etela kwa Dipotsana kwa go dirwang ditena teng kwa go utlwalang fa batho ba kgaolwa mo tirong mme ba sa neelwa dikatso, go tlhomamisa gore se se tshwanetseng go dirwa, se a dirwa, babereki ga ba jewe ntsoma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 May 2026



