Modulasetilo o leboga komiti mo go lwantsheng tlhako le molomo
07 May 2026
Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Mbaakanyi Smart o lebogile komiti ya barui mo maitekong a e a dirang go thusa go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya 3c.
Rre Smart o buile jalo mo bokopanong kwa Mulambakwena bosheng a re ke lantlha bolwetse bo tlhasela kgaolo ya 3c.
A re go ntse go tlwaelesegile gore tlhako le molomo e tlhasela kgaolo e magpie ya 6b.
A re barui ba ne ba ema ka dinao ba tshwaragana le lephata la matlhoko a leruo ka go bopa dikomiti kana mephato ka barua kgomo le morafe ka kakaretso go lwantsha bolwetse.
Rre Smart a re maiteko a bone a ntsha maduo, ka jaana seemo se bolwetse se laolesega, ka jalo metsamao ya leruo le le tlhako e maphata e rebotswe.
A re phitlhelelo eo, ke maduo a se ba se dirilieng go laola motsamao wa leruo le go obamela dikgakololo le ditaelo di tshwana le go kenta leruo la bone.
E re le fa go ntse, Rre Smart o ne a supa matshwenyego a gore barui ga ba dise le go tlhatlhela leruo la bone.
Mogokaganyi wa tsa temo thuo mo Kgaolong ya Bokone Botlhaba,
Rre Gwilidzani Maposa a re mo kgaolong ya 3c ba letlelelwa go tlhaba dikgomo le dipudi, mme nama e sa e letelelwe go tswa ka kgaolo e ya kwa dikgaolong tse dingwe.
Rre Maposa a re leruo le tshwanetse la tlhatlhobelwa tlhako le molomo ke badiredi ba matlhoko a leruo pele le tlhabiwa.
A re go lebega dikgomo dingwe di sa kentiwa.
O ba kopile go emisa go tlhabela leruo mo malwapeng, a re diruiwa tsotlhe di tlhabelwa kwa matlhabelong a kwadisitsweng ka fa molaong kwa tlhatlhobo ya tlhako le multum le Maltese a mangwe e dirwang teng.
Rre Maposa o lebogetse tiro ya mephato, a supa fa dipalo tsa baitlhaopi di ne di hekeetsa ofisi ya gagwe ka ba ne ba tla ka mmetlela.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 May 2026


