Breaking News

Banni ba Goshwe ba ngongorega ka polao ya dikgomo

06 May 2026

 Barui ba Goshwe mo kgaolong ya Tutume ba ngongorega ka polao ya dikgomo tsa bone ke ba lephata la matlhoko a leruo, morago ga gore di tsene kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba e tlhasetsweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo.

Ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mopalamente wa Nkange, Rre Motlhaleemang Moalosi ka Mosupologo.

Mme Tirelo Goleele, yo e leng mongwe wa ba ba bolaetsweng dikgomo, o supile fa ba ne ba kopiwa go tla go supa fa dikgomo e le tsa bone, mme ba dira jalo.

A re ntswa ba rurifaditse fa dikgomo e le tsa bone, ba lephata la matlhoko a leruo ba ne ba tsaya tshwetso ya go di bolaya ba sa ba rerisa.

Mme Goleele a re dikgomo tsa gagwe di bolailwe, ntswa di ne di kentilwe ka mokento wa go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo.

A re o ne a solofetse gore gongwe ba lephata la matlhoko a leruo ba tla di isa kwarantining mme morago di tlhatlhobiwe go bona gore a di nale bolwetse jaaka puso e buile gore e ya go lwantsha bolwetse ntle le go bolaya leruo.

Ka jalo, Mme Goleele a re ga a batle phimolo dikeledi ya madi, o batla go busetswa dikgomo.

A re o itshetsa ka temo thuo, ka jalo se se ngomolang pelo ke gore mo godimo ga gore o bolaetswe dikgomo, go lebega le kwa masimo a tla dika a dule fela, ka ditlou di bakile tshenyo mo tshimong ya gagwe.

Mongwe wa banni, Rre Matlhare Baitheki a re ba lephata la taolo ya matlhoko a leruo ba na le seabe mo motsamaong wa leruo o sa laolesegeng mo le felelang le tsena kwa kgaolong e e nang le tlhako le molomo ka gore ba ne ba ntsha terata e kgaoganyang dikgaolo tseo ba re e kgologolo, mme ba seka ba e busetsa ka nako.

O ne gape a kopa gore go okediwe palo ya bodiredi ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go thusa go lwantsha motsamao wa ditlou tse di tshelegetseng ka dipalo tse di kwa godimo mo motseng wa bone e bile di bakile tshenyo e ntsi kwa masimo.

Ka jalo, Rre Baitheki o kopile gore ba tsenyediwe terata ya motlakase go lwantsha motsamao wa ditlou ka e le tsone di ba senyetsang thata ka go kgaola tereta ya molelwane, mme se se dire gore leruo la bone le tsene kwa le sa tshwanelang go tsena teng.

Fa a tswa la gagwe Mopalamente Rre Moalosi o supile fa kgang ya go bolawa ga dikgomo e gorogile kwa go ene mme a dirile maiteko a go batlisisa ka yone. 

A re o ba kopile go tla go buisa morafe go ba tlhalosetsa gore go diragetseng.

Rre Moalosi o ne a kgothatsa banni go tsaya karolo mo go lwantsheng bolwetse jo, a tlhalosa gore bo ka laolesega fa batho botlhe ba sala morago ditaelo tse ba di fiwang ke badiri ba lephata la matlhoko a leruo.

A re go nna le seabe mo go lwantsheng tlhako le molomo go tla dira gore seemo se boele mo taolong, mme barui ba kgone go itshetsa ka go rekisa dikgomo tsa bone.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Mazonga

Location : GOSHWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2026