Ba Block 6 ba leka ka borukutlhi
06 May 2026
Baagi ba kgaolwana ya Block 6 mo Gaborone ba re ba tshwentswe ke seemo sa borukutlhi se se gakadiwang ke dikgwebo tsa bojalwa tse ba dumelang di fetile palo mo kgaolong eo.
Baagi ba supile fa kgaolwana ya bone e na le marekisetso a nnotagi a le masome a mane le bobedi.
Ba supa gore tse di diragalang kwa mafelong a nnotagi ke tse di ngomolang pelo.
Ba re dipetelelo, dipolaano, dintwa tse di bakang dikgobalo, le tiriso ya ditagi tse di begelwang mapodisi di dintsi, mme di diragala ka nako ya maitiso.
Ba ntshitse ikuelo bosheng mo phuthegong e buisiwa ke Mopalamente wa Gaborone Bonnington North, Mme Maipelo Mophuting-Dikoloti le mogolwane was sepodise, Superintendent Knight Molosiwa.
Ba tlhalositse gore kgaolo ya bone e tshwenngwa ke batho b aba etelang mafelo a maitiso, mme bangwe ba bone e le ba ba tlang ka maikaelelo a go tla go senya le go utswa.
Ka jalo, ba kopile gore motsamao wa mapodise o bonale mo kgaolong ya bone, segolo bogolo ka dinao tse batho ka bontsi ba seong mo malwapeng gore ba kgone go kgaupetsa ba ba nang le mokgwa wa go dira borukuthi.
Gape, ba tlhalositse gore seemo se bifella kwa pele ka ntlha ya diherwana le mebila e fa gare ga malwapa tse di medileng bojang le ditlhare, ka jalo disinyi di iphitlha le go amoga batho dithoto tsa bone mo mafelong ao.
Sengwe se se sa jeseng banni diwelang ke gore baithuti bangwe ba sekole se segolwane sa Bonnington ba inaakantse le tiriso ya ditagi, e bile ba ipopile digongwana tsa tshenyo le boganana.
Ba supile gore digongwana tseo, di bogisa baithuti ka bone, ba fetotse sekole mosako wa mabole, mme ba dira le tshenyo ya dithoto tsa sekole jaaka go senya terata ya sekole.
E rile a tswa la gagwe, Supt. Molosiwa a re ditlhotlhomiso di supile gore go tlhoka tirisanyo fa gare ga mapodise le morafe go dira gore borukutlhi bo golele kwa godimo.
A re fa go nang le tshwaragano teng, borukutlhi bo a laolesega.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole sa Bonnington, Mme Lizzer Ramogapi a re ba tshwaraganye le batsadi go fedisa botlhoka-tsebe jwa baithuti.
Mme Ramogapi a re ba setse ba thibile diphatlha tse di neng di butswe ke baithuti mo terateng la sekole.
Mopalamente Mme Mophuting-Dikoloti a re o tshwaraganye le makhanselara a kgaolo le baagi go busetsa seemo sa borukutlhi mo taolong.
Mme Mophuting-Dikoloti a re o tlaa tswelela ka go leka go bona gore mafelo a maitiso bogolo jang a nnotagi, a fokotswa kana a laolwa jang ka a hupeditse kgaolwana ya Block 6.
O ne a re o buisanya le khansele ya Gaborone go sinosa dikgwa mo kgaolong.
A re o tlaa leka go buisanya le beng ba ditsha tse di sa tlhabololwang gore ba di tlhabolole kana ba fokotse sekgwa se se mo go tsne ka gore ke bonno jwa dirukuthi gape bangwe ba setse ba di fetotse kwa go latlhelwang matlakala teng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gontle Merafhe
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2026



