Pabalesego le botsogo di botlhokwa mo tirong
05 May 2026
Badiri ba koporase ya metsi mo Tsabong ba kgotlhaditswe go tshwaragana le go tshegetsana ka seo se ka thusa mo pabalesegong ya botsogo jwa tlhaloganyo le tikologo ee nonofileng mo tirong.
Moookamedi wa koporase ya metsi mo Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi o buile jalo bosheng mo Tsabong a rola molaetsa wa letsatsi la mafatshe-fatshe la pabalesego le botsogo jwa tlhaloganyo le tikologo e babalesegileng mo tirong.
Rre Baitshenyetsi o tlhalositse fa maikaelelo e le go lwantsha dikgobalo tse di ka nnang teng mo tirong kana malwetse.
A re letsatsi leo, le ba fa sebaka sa go buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong mabapi le pabalesego, botsogo, tikologo e ba berekelang mo go yone le gone, le go tswa ka ditharabololo.
Rre Baitshenyetsi o ne a supa fa setlhogo sa monongwaga se re: Go Bereka Mmogo Sentle Ka Neelano, Tsela Ya Go Aga Mmereki Wa Motia le Lefelo La Pereko Le Le Nonofileng.”
A re setlhogo se ba gwetlha go itshekatsheka ba itebagantse thata le seemo sa botsogo jwa tlhaloganyo mo tirong ka gore seemo seo se ka bakwa ke tse di akaretsang bokete jwa tiro,kgatelelo ya maikutlo le tse dingwe.
Mmaboipelego go tswa mo kokelong ya Tsabong, Mme Game Seakgatlhogo o gwetlhile badiri ba koporase ya metsi go laola maikutlo a bone le go fetola ka fa ba tshelang ka teng.
A re boitshwaro jo bo eletsegang le go tswaragana mo tirong di ka thusa mo botsogong jwa tlhaloganyo le maikutlo le pabalesego mo tirong.
Mogolwane wa tsa pabalesego, botsogo le tikologo, Rre Bakang Ndebele o tlhalositse fa lekgotla la mafatshefatshe la melawana ya pereko le tlhamilwe ka 1919 morago ga go lemoga dikgwetlho tsa badiri mo tirong.
Rre Ndebele o kgotlhaditse badiri ka ene go tshwaragana, seo se ka thusa mo go ntsheng maduo aa eletsegang, mme ba dira seo ka fa tlase ga tikologo e babalesegileng, ba itekanetse mo ditlhaloganyong e bile ba wetse maikutlo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Letsatsi la mafatshe-fatshe la pabalesego le botsogo jwa tlhaloganyo
Date : 05 May 2026



