Breaking News

Bakgatla ba itlama go aga terata

05 May 2026

Barui mo kgaolong ya kgatleng ba itlamile go tsosa le go aga terata e e kgaoganyang botswana le south africa go lwantsha kamano ya tlhako le molomo

Mo bokopanong jwa go loga maano a sennela ruri mo twantshong ya bolwetse jo, le a mangwe a leruo a a ka tlhagang mo isagong, barui ba dumalane gore ba tlaa kolekela terata le tsotlhe tse di ka tlhokwang.

E rile fa mogokaganyi wa tsa temothuo wa Kgatleng, Mme Kgotso Madisa a ba rolela tse puso e di kgonneng, a tlhalosa fa puso e kgonne go reka terata le mapako, tse a supileng fa di sa lekana. 

Ka jalo, o gwetlhile bauri go tsenya letsogo go thusa puso.

Selekanyo se se tshwanetseng go agelelwa ke sekgala sa dikhilomithara di le lekgolo, masome a robabobedi le bobedi kwa metseng e e tlwaelesegileng la leina la Dinokeng go ya kwa Phala Camp. 

Le fa go ntse jalo, Mme Madisa o boletse fa go agelela terata go tlaa simololwa ka go remelela mo mafelong a nang le matshosetsi, a eleng selekanyo sa dikhilomithara di le masome mabedi le botlhano.

Mme Madisa o ne a tlhalosetsa barui ka fa tiro ya morafe e tshwanang le e, e tlhoka gore go direlwe dilo mo pontsheng ka jaana go tla be go dirisiwa madi a setshaba.

Tiro e, e tla simololwa mo malatsing a latelang, Mme Madisa o tlhalositse fa khansele ya Kgatleng e tla netefatsa gore madi a kolekiwang a dirisiwa mo tirong ya go lwantsha Tlhako le Molomo mme morafe o tla fiwa ditsamaiso tsa gore go duelelwa kae.ends

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Mochudi

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2026