Khansele e dira bojotlhe go baakanya dikago
05 May 2026
Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile a re ba tlaa dira ka bojotlhe go thusa go baakanya dikago tsa puso fa go kgonagalang teng le gone go tsibosa maphata a a lebaganeng go bona gore diemo tse di leng teng di ka tsibogelwa jang.
Rre Ketshogile o ne a bua bosheng mo Palapye, mo leetong la gagwe le a tsweletseng ka lone la go lekola seemo sa dikago tsa puso.
A re ntswa go na le letlhoko la madi, dingwe tsa tse di tlhokang le go baakanngwa jaaka tse di tshwanang le mabati, dipone le diloko tsa mabati ga di tlhokane le madi a a kalo kalo.
Dingwe tsa tse Rre Ketshogile a neng a lekodisiwa ka tsone e ne e le mantlwana a boitiketso a a sa direng kwa dikoleng le kwa dikokelwaneng fa a mangwe a ne a dira mme a tsholola metsi.
O ne gape a lekodisiwa ka seemo sa matlwana a borutelo, matlo a boapeelo a dikole le matlo a barutabana a a seng mo seemong se se siameng mme a tlhokana le paakanyo.
Mangwe a na le bommamanthwane, mangwe ga a na mabati, dipompo tsa metsi, fa mangwe marulelo a one a se mo seemong se se siameng e bile a tsena metsi fa dipula di na.
Kwa sekoleng se segolwane sa Mabogo mo Palapye, mogokgo wa sekole seo, Dr Mmoloki Moreo o ne a supa fa puso e dira mo go lekaneng mme mo dinakong tse dingwe mathata e le baithuti bangwe ba ba tsweletseng ka tshenyo.
A re baithuti ba tshwanetse ba nne le boikarabelo jwa go tlhokomela didirisiwa tsa bone a supa fa bangwe ba thuba digalase tsa diokomelabagwe, bangwe ba ntsha tse barutabana ba ba kwalelang mo go tsone fa bangwe ba senya mabati le didirisiwa tse dingwe kwa matlwaneng a boitiketso a a dirisang metsi.
Dr Moreo a re fa baithuti ba ne ba sa dire tshenyo e ba e dirang e, go ka bo go sena bothata jo bo leng teng mo nakong eno.
Mookamedi wa kokelo ya Palapye, Dr Boikhutso Rammidi a re ba na le letlhoko la melemo le dipilisi dingwe tse di botlhokwa.
Le fa go ntse jalo, Rre Ketshogile o ne a rotloetsa badiri ba puso go tlhokomela tikologo ya bone ka go ntsha leswe le le mo tikologong ntswa mo mafelong a mangwe go supafala fa dikago di le dikgologolo.
O ne a ba rotloetsa gape go dirisa babereki ba lenaneo la Ikageng le a supileng fa le ka thusa mo go phapafatseng tikologo ya dikago tsa puso di tshwana le dikgotla, dikole le dikokelwana bogolo jang fa go sena bodiredi jo bo lekaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 May 2026



