Breaking News

Khansele ya Palapye e babalelwa ke dituelo tsa metsi

05 May 2026

Modulasetilo wa Khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile a re ka nako metswedi ya puso ya madi e kgadileng, khansele e kokonetswe ke go duela sekoloto sa metsi sa madi a a kana ka P3.7 million ka kgweding ya Mopitlo monongwaga.

Rre Ketshogile a re sekoloto seo, se ne se le kwa godimo fela thata, ka jalo o kopile baeteledipele mo maphateng ka go farologana go tsibogela go baakanya dipompo tse di dutlisang metsi mo dikagong tsa puso.

Rre Ketshogile o ntshitse kgakololo eo bosheng mo leetlong la gagwe la diofisi tsa puso ka go farologana jaaka dikokelwana, dikole tse dipotlana le dikgotla mo metseng ya kgaolo ya Palapye.

A re o itemogetse fa bontsi jwa dikole di sa ele tlhoko le go tsiboglea paakanyo ya dipompo tse di dutlisang metsi mo matlwaneng a boitiketso. Rre ketshogile a re mo bontsing jwa dikolo tse di a etetseng o lemogile fa bontsi jwa dipompo mo matlwaneng a boiteketso di senyegile e bile tse dingwe di eledisa metsi bosigo le motshegare mme di sa tsibogelwe.

A re kgang e o, e tshwenya flea thata, ka gore bontsi jwa metsi a bolaisang khansele a nowa ke lefatshe ntateng ya dipompo le diphaephe tse di dutlang.

O kopile bagokgo gore ba emise go ikganelela fela mo diogising, mme ba tsee boikarabelo jwa go ela tlhoko kgang ya gore dipompo tsa metsi tse di kwa matlwaneng a boiteketso le kwa maapeelong, di a bereka kana di senyegile, di a tswalwa gore di seka tsa tsholola metsi.

A re go tswala dipompo tse di eledisang metsi e ka nna nngwe ya ditsela tsa go fokotsa koketsego ya sekoloto ga mmogo le tshenyego ya metsi. Rre Ketshogile a re tlhokomelo ya metsi ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe, e seng bodiredi jwa khansele kana ba lephata la metsi fela.

Mo go tse dingwe, Rre Ketshogilke a re o lemogile gape gore dikolo jaaka se segolwane sa Bakgopheng, le tse dipotlana kwa motseng wa Moremi le wa Lesenepole di tlhorontshiwa ke Bommamanthwane, a re monko wa mantle le moroto wa dinonyane tse o hupetsa baithuti le badiri ba sekolo mo o ka amang botsogo.

Ka jalo a re se se tshwanetseng go dirwa ke go tlhomamisa gore dikago tsa dikolo tse di mo seemong se se siamegtseng baithuti ka go batla maano a go koba Bommamanthwane.

A re sengwe sa tse di tshwenyang kwa sekoleng se segolwane sa Bakgopheng ke gore boroko jwa baithuti ga bo mo seemong se se jesang diwelang, ka jalo a re go tlhokana le gore di baakanngwe le go tlhomamisa gore baithuti ba kgona go thuthafatsa metsi ka jaana go tsena paka ya mariga.

Rre Ketshogile a re mo nakong eno baithuti ba ba nnang mo sekoleng ba dirisa dikgong go thuthafatsa metsi a tlhapang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : PHUTHEGO YA KHANSELE

Date : 05 May 2026