Tshwaragano ya ba-na-le seabe konokono
05 May 2026
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le ngwao, Rre Ignatius Moswaane a re go botlhokwa go ruta setshaba ka bomosola jwa go aga malwapa a itshetetseng mo motheong wa kagiso.
O buile jalo bosheng, a akgola ba mokgatho wa Happy Family Foundation go bo ba tshwere ka thata go bopa setshaba.
Rre Moswaane a re dithuto tse ba di dirang di supile fa di nonofile go fetola matshelo a batho ba le bantsi
Ba Healthy Family Foundation ba tshwaraganye le khansele ya Selebi Phikwe ba ne ba rulagantse thuto-seka-dipuisano kwa Selebi Phikwe, e neng e tsenwe ke morafe le baemedi ba makalana ka go farologana.
A re go tlhoka go tsoga ga malwapa go rwesa puso mokgweleo wa go dirisa madi a mantsi go tlhokomela ba ba amegileng.
O ne a rotloetsa batsena moletlo go tsaya dithuto ka tlhwaafalo le go di fetisetsa kwa go ba ba tshelang le bone.
Rre Moswaane a re boitumelo mo malwapeng bo ka fokotsa malwetse a tshwanang kgatelelo ya maikutlo, jwa madi a matona le a mangwe.
Fa a tswa la gagwe, Rre Percy Thaba yo e leng mosimolodisi wa Healthy Family Foundation a re se a se dirang e tsile jaaka pitso mo botshelong jwa gagwe, a santse a le kwa tlase ka dingwaga.
Rre Thaba o tlhalositse fa go tlhoka go golela mo lelwapeng le le iketlileng e le go ne go neng ga mo gwetlha go ema ka dinao go rotloetsa le go lemotsha setshaba mosola wa go golela mo lelwapeng le le nang le kagiso.
O ne a kaya fa a ne a nna le lesego a kopana le mme yo nang le dikakanyo tse di tshwanang le tsa gagwe, ka jalo ba tsweledisa ditoro tsa bone tsa go ruta le go kgotlhatsa setshaba. o tlhalositse gore Healthy Family Foundation, e itumelela go utlwa bopaki jo Batswana ba bo ntshang morago ga dithuto mme a tlhalosa fa go ba nonotsha go tswelela ba ruta le go kgotlhatsa setshaba.
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Oageng Makgosa o tlhalositse fa boeteledipele ba khansele bo dumela thata mo tshwaraganong ya ba-na-le-seabe go godisa itsholelo le go fetola matshelo a banni ba toropo ya Selebi Phikwe.
Rre Makgosa o tlhalositse fa a nameditswe pelo ke dipalo tse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba neng ba tsena dithuto tseo ka yone, a tlhalosa fa se se supa fa ba ikemiseditse go fetola matshelo a bone.
Thuto-seka-dipuisano eo, e ne e tseneletswe ke batho ba le 4 169, mo go bone ba le 1 244 e ne e le banana, fa ba le 1673 e ne e le borre.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : PHUTHEGO
Date : 05 May 2026




