Breaking News

Ba ga Mmangwato ba ipelela letsatsi la Ngwao

05 May 2026

Moso wa Labotlhano o ne o tletse ka dikoma le maboko jaaka ba-ga-Mmangwato ba ne ba ipelela letsatsi la ngwao kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, mo Serowe.

Moletlo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo sa, “Ngwao ya rona, khumo ya rona.” Fa a tswa la gagwe, Kgosikgolo ya Bangwato, Kgosi Seretse Khama IV o tlhalositse fa ngwao e le pilara ya setshaba.

“Ngwao ya rona ke yone kaedi ya gore re ya kae re le setshaba, ke sekao sa rona mo baditshabeng, ke yone e re tlhaolang mo matshwititshwiting, ke mmopa o re kopantseng re le setshaba sa Botswana ka kakaretso,” ga tlhalosa Kgosi Khama IV.

O ne a re ngwao ke konokono mo matshelong a botlhe, a kaya fa mo dinakong tse di fetileng, botshelo bo ne bo jega ka letlotlo, pelo tsa morafe di nna di nonne ka jaana go ne go sena motlhoki o o lalang ka tlala.

A tlhalosa fa ngwao e ne e bopagantse setshaba ka tsamaiso di tshwana le mafisa, molaletsa le temo. “Re ne re tumile ka go thusana, re na le Botho, re itse gore go thusa mongwe ka wena ke se o tshwanetseng go se dira, re itse gore motho ke motho ka batho, “ a tswelela ka go tlhalosa.

Kgosi Khama IV o ne a gwetlha morafe go ikgakologelwa le go netefatsa gore ba boela ko marakanelong a ditsela, ba gate kgato e le nngwe ya go tsosolosa ngwao.

O gakolotse setshaba gore mo dinakong tse di thata tsa itsholelo e e sa iketlang, ba leke ka bojotlhe go nna le mowa wa boipelego, a kopa botlhe go ikitaa ka thupana go tsenya letsogo mo go tsoseng itsholelo ya lefatshe.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya Serowe Culture and Heritage Committee, Mme Connie Kobela o ne a rotloetsa morafe go boela ko ngwaong ya bone e ba e siileng kwa morago ba alotse botshelo jwa sesha.

“Re ne ra lebala gore botshelo ka letlotlo, re bo bone ntateng ya ngwao ya rona, dijo tse re neng re di ja di ne di sa kgotlelwa ka metswako epe e e tsalang malwetsi a gompieno; godimo ga moo re ne re tshameka, banna le basadi ba le tlhaga ba bereka, seno re ne re sa lemoge fa re itshidila mmele.

Se se gamuketsang pelo ka madi segolo bogolo, ke boitshwaro jo bo segang tsebe jwa bana ba gompieno, jwa go ja diritibatsi le ditagi, rona dilo tseo di ne di seyo ka re ne re tshameka metshameko e neng e re tseela nako ya go ka akanya sepe se se fapogileng, re ne re le bana, re na le tlotlo le tlhompho,” ga gatelela Mme Kobela.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa letsatsi le le rulagantsweng e le sekao sa gore mosepele o tswelela pele, ba ga MmaNgwato ba segile tema ya khumo e e sa boleng, a rotloetsa botlhe go somarela ngwao, e leng khumo ya bone ya bosaengkae.

Fa a tswa la gagwe, mongwe bagodi ba motse wa dingwaga tse di masome a supa (70), Mme Mapolasi Tana wa Kgotla ya Goo-rra Sesoma o ne a bolela fa a itumeletse maiteko a a supilweng ke komiti ya tsa ngwao, a bolela fa pelo ya gagwe e nonne ka ngwao e le yone e ka busetsang lefatshe serodumo.

 

Letsatsi le la ipelelo ngwao le ne le supa bokgeleke jwa ngwao ka maboko le dikoma, melotsana wa pina ya bomme ba letsa marapo ka botswerere le bokgelele, badiragatsi ka go farologana ga bone ba supa talente le bothaka jwa mmino le puo ya setswana.

E ne ya re mo tshokologong morago ga nako ya dijo tsa motshegare ga simolola diphadisano tsa maboko, dipina le mogolokwane e le meduduetso ya ditswerere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Phang

Location : Serowe

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 05 May 2026