PUSO E TSWELETSE KA GO FOKOTSA DITSHENYEGELO
29 Apr 2026
Puso e tsweletse ka go somarela sekgwama sa setshaba ka go emisa dilo di le mmalwa. Mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi, o tlhalositse se kwa phuthegong ya kgotleng kwa Tshwaragano, Francistown bosheng.
Rre Mmolotsi a re puso e tsere tshwetso ya gore theko ya dilwana le ditirelo tsa puso di dirwe kwa lephateng la tsa madi ( Ministry of Finance) fela. A re se, se tlaa morago ga go lemoga gore puso e ne e dirisa madi a mantsi thata fa maphata a ithekela.
“Mo nakong e e fetileng, maphata a ne a ithekela, mme go lemotshegile fa dithothwa di ne di le kwa godimo fela thaata,” Rre Mmolotsi a supa.
Tshwetso e a re e thusitse puso go boloka madi a selekanyo se se fetang P500 million. Rre Mmolotsi a re tsela e nngwe gape ya go fokotsa tiriso ya madi e e kwa godimo mo pusong, e nnile go fokotsa mesepele ya bodirelapuso go simolola kwa go Tautona, ka selekanyo sa sephatlo.
“Madi a mantsi a ne a jewa ke mesepele e mentsi ebile e tsenya badiredi ba bantsi, mme mo nakong ya gompieno, mesepele e fokoditswe ka sephatlo, ka jaaana go ne go duelwa maroko le dijo mo palong e e kwa godimo,”Rre Mmolotsi a tlhalosa.
O kaile fa go sa tlhole go na le kopo ya madi a tlaleletso (supplementary budget) ke maphata, ka gore maphata a kopilwe go dirisa madi ka kelotlhoko gore a kgone go lekana ditiro.
Rre Mmolotsi a re mo palamenteng e e sa tswang go wela, e e neng e itebagantse le kgaoganyo ya madi a setshaba, puso e tsere tshwetso ya gore dikgwebo tse di ikemetseng di etelele pele mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe, di simolole go dira dithoto.
Re batla itsholelo e leng gore dikhamphani di dira dithoto, e seng mo khamphani e rekang metsi kwa mabentleneng a bo e rekisetsa puso, re batla dikhamphani di itirela, gore di kgone go hira batho, Rre Mmolotsi a tlhalosa.
Mo go tse dingwe, Rre Mmolotsi a lekodisetse banni ka tlhabololo ya magae ( Rural Development Policy), a supa fa go tlaa dirwa maiteko a go ngoka babeeletsi go dira dikgwbo kwa magaeng.
“Se, se tlaa tlisa ditlhabologo kwa bathong ba ba kwa magaeng, go tlhabolola o ne magae ga mmogo le go thusa go fokotsa feuding ya batho, go tswa magaeng go ya kwa ditoropong,” Rre Mmolotsi a supa.
O solofeditse banni gore le fa lefatshe le mekamekane le mathata a itsholelo, malwetsi le tse dingwe, puso e leka ka bojotlhe go busetsa tsotlhe mo taolong.
Monni wa kgaolo, Mme Ontiretse Olebile, o kaile fa mogopolo wa toll gates o tshwanetse go diragadiwa ka jaaana o ka direla lefatshe letseno jaaka fa go diragala kwa Zambia, South Africa le mafatshe a mangwe.
Mme Lindiwe Saulos ene o ne a kopa mopalemente go sekaseka dikoketso tsa babereki ba Ikageng, a kaya fa seemo sa botshelo se bifela pele. Rre Boniface Nyadza o ne a tlatsa mo mafokong a ga Mme Paulos a re, babereki ba Ikageng ba gopolwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Apr 2026




