Kgari III o kopa Bakwena go aga leobo
29 Apr 2026
Kgosi Kgari Sechele III o kopile morafe wa Bakwena go aga sesha leobo la kgotla-kgolo ya Molepolole le le neng la lora morago ga go thosediwa ka molelo ka ngwaga wa 2023.
Kgosi Kgari o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi mo Molepolole jaaka a ne a biditse morafe go ba begela ka tshimolodiso ya lenaneo la Mosalagae, le maikaelelo a lone e leng go aga leobo leo sesha.
A re leobo ke karolo e botlhokwa ya ngwao ya Setswana mme ebile le sireletsa morafe fa o le mo diphuthegong tsa kgotla ka nako ya fa loapi le sa iketla jaaka mo dipuleng le serame.
Kgosi Kgari a re nako e gorogile ya gore Bakwena ba ithulaganye mme ba baakanye leobo la kgotla ya bone.
A re sebe sa phiri ke gore puso ga e age maobo a kgotla, ka jalo tiro eo, ke boikarabelo jwa morafe.
A re komiti ya Mosalagae e e eteletsweng pele ke Rre Steven Mogotsi e setse e segile tema ya se ba eletsang go se fitlhelela. A re komiti eo e dirilwe ke Bakwena ba e rileng ba utlwa mokgosi wa go aga leobo ba e intsha setlhabelo gore ba dire tsotlhe tse di kgonagalang go dira moalo wa leobo le go kokoanya madi a go le aga.
O ne a supa fa kago ya leobo leo e se tiro e e motlhofo, ka jalo e batla gore Mokwena mongwe le mongwe a nne le seabe mo go thuseng mo kagong ya lone. Kgosi Kgari a re komiti ya Mosalagae e setse e ikgaogantse ka ditiro mme ba setse ba tswa go tsaya malebela mo go ba ba setseng ba dirile tiro ya mofuta o.
A re ba setse ba supile dikakanyo tsa gore ba eletsa leobo le nna jang mme ga se tiro e ba ka e diriang ba le nosi ka gore ba tlhokana le dikaknyo le megopolo ya morafe.
“Fa e le gore go tlhokana le madi a a duelang ditena, samente kana moagi, komiti e tla ikgolaganya le morafe, mme o bone gore o dira jang madi go duelwa tse di tlhokwang”.
Kgosi Kgari a re ga a dumele go na le ope yo o sa lemogeng botlhokwa le bomolemo jwa go nna le leobo ka jaana e le gone kwa morafe o kopanelang teng fa o na le dikgang. “Re ipua teng re bo re ikaga mme ebile le baeteledipele ba sepolotiki ke gone fa ba kopanang le morafe teng.
Modulasetilo wa komiti ya Mosalagae, Rre Mogotsi a re ba simolotse tiro ya bone ka kgwedi ya Mopitlo.
Are komiti e dirilwe ka maloko a le masome a mabedi, a re ba ne ba ikokoanya jalo go tsibogela kopo ya ga Kgosi Kgari ya gore morafe wa Bakwena o eme ka dinao go aga leobo
Rre Mogotsi a re ba filwe dikgwedi di le lesome le boferabobedi, go wetsa tiro eo mme ba ne ba ikgaoganya ka dikomiti di le nne go fefosa tiro ya bone.
A re ba kgonne go bula polokelo ya madi le banka ya ABSA e e bitswang Mosalagae, ka jalo morafe o kopiwa go latlhela sepe se mongwe le mongwe a ka se kgonang go thusa mo kagong sesha ya leobo la Kgotla.
O ne gape a tshephisa morafe gore sengwe le sengwe se ba se dirang se ya go nna mo pontsheng ka gore tiro e ba e romilweng ga se ya komiti ke ya morafe.
Rre Mogotsi a re keletso ya bone ke go aga leobo la madi a kanang ka P20 million, la maemo a ntlha mme le sa latlhe boleng jwa ngwao ya bone.
Rre Mogotsi a re moakanya ke gore ba age leobo le le ka tsenyang batho ba le sekete. Bakwena ba ne ba itumelela le go atla kgang ya kago sesha ya leobo.
Ba ne ba supa fa seo se raya Bakwena botlhe mme ba tshwanetse go ema ka dinao go rurifatsa gore ba dira se Kgosi a se ba roletseng ka jaana Setswana se re, “Lefoko la kgosi le agelwa mosako.”
Rre Melehe Gaolaolwe a re go tshwanetse gore ba eme ka dinao go aga leobo mme seo se raya botlhe gore ba tsenye diatla mo dikgetseng go thusa. Rre Moshaokanyana Motshweneng o ne a leboga komiti ya baitlhaopi ya Mosalage go etelela tiro ya leobo pele mme a supa fa a sa eletse poelo morago, gore tiro e dirwe e wele.
A re keletso ya gagwe ke gore go dirwe selo sa sennela ruri se se ka kgonang go emelana le diemo tsa phetogo ya loapi.
Ene e rile go le pele, mothusa Kgosi ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a leboga morafe go tla ka dipalo tse di nametsang.
A re kago ya leobo e raya Bakwena botlhe mme a re o tshepa gore ba tla ema ka dinao go dira tiro eo mmogo.
O ne a ba kopa gore ba eme komiti nokeng ka go ba thusa ka tsotlhe tse ba di tlhokang. Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Shima Monageng o lebogetse Bakwena go atla mogopolo wa ga aga leobo mme a re ba tshwanetse ba dire mmogo mme ba itetle go etelelwa pele ke komiti eo.
Rre Monageng o lebogile maloko a komiti ya Mosalagae ka jaana ba itlhaopile go dira tiro e e bokete ya morafe, ebile e tlhokang le bonatla le boineelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Apr 2026





