Breaking News

Go botlhoko go fa bagolo tlotlo le seriti

28 Apr 2026

Go botlhokwa go fa bagolo tlotlo le seriti le go ba lemoga ka ba le botlhokwa mo setshabeng.

Se se builwe ke tona wa lephata la dikgaolo le merero ya tsa selegae Rre Ketlhalefile Motshegwa kwa moletlong o o neng o diretswe bagodi go lemoga karolo ya bone mo setshabeng ka Labotlhano kwa Ramotswa.

Tona o ne re go maleba go tlamela le go tlhokomela bagodi ka ke bone batshereganyi le bakaedi mo setshabeng, e bile ba tlisa kgolagano le botlhale mo setshabeng le mo malapeng tota.

“Bagodi ke bone ba tlisang tshereganyo mo setshabeng ka e bile go na le kwelo tlase ya boitshwaro le boikgapo mo bananeng bone ba go dumelwang fa e le bone bagogi ba lefatshe leno ba kamoso,” tona Motshegwa a kaya jalo.

O tsweletse a tlhalosa gore se se dirilweng ke bagokaganyi ba moletlo oo ke tlhotloetso mo setshabeng go tsaya malebela go ya pele gore mang le mang a gwetlhege go direla bagodi tlotla le tshwanelo eo ya go ba lemoga. 

O bile a gatelela gore seo se ruta banana gore ba kwatabolotse mo go bone go isa lefatshe leno ko pele.

Le fa go ntse jalo o telephonists fa e le boikarabelo jwa puso go tlhokomela bagodi ka ba sa tlhole ba na le tokololo, le gone go lemoga seabe sa bone mo setshabeng, a tlhalosa fa dikatso tsa bagodi tse di dirwang ke puso e le tsela nngwe ya go ba tlamela. Fa godimo ga moo tona a re go botlhokwa go rotloetsa botsogo kwa moding jaaka go itshidila mmele.

Ka jalo a re di khansele di tlaa dira mafelo a itshidilo mmele go rotloetsa batho gore ba itshidile.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa balalediwa ba tlotla Mme Ndiko Muzila a re go lemoga batsadi ke go dira se Modimo a se batlang, segolo thata ka jaana go tshelwa mo malatsing a go sa tlholeng go tlotlwa bagolo kgotsa batsadi. 

Mme Muzila a re le ntswa ditshwanelo di siame, o tlhalositse fa ditshwanelo e le dilo tsa tlhaloganyo fa tlotlo yone e le selo sa pelo. 

A re fa gotwe bagolo ke dipilara go tewa gore botlhale le bokaedi bo kwatwabololwa mo go bone. Ka jalo a re o tshwentswe ke gore setshaba se latlhegetswe ke ngwao ya go itse gore mogolo mongwe le mongwe ke motsadi . A re tshaba e e sa lemogeng batsadi kgotsa bagolo ke mo ka e latlhegileng.

Dr Lesego Ramaphane gotswa sepateleng sa Marina, o tsibositse bagolo ka botlhokwa jwa go tsaya botsogo jwa bone tsia ka jaana botsogo jwa bone e le botshelo jwa bone. O gakolotse bagodi gore ba tshwanetse go itlhokomela ka dilo tse ba di dirang tsatsi le letsatsi jaaka go itshidila mebele ka ditiro tsa lelwapa tsa tsatsi le letsatsi le go ja dijo tsa Setswana.

A re fa ba itlhokomela ba felela ba dira gore botshelo jwa bone bo nne mo taolong ya bone. O rotloeditse bagodi go tsibogela go ya bongakeng go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana ka e bile malwetsi a a sa tshelanweng a ile magoletsa.

Morulaganyi wa moletlo oo e bile e le mosimolodise wa Bagaka ba Pele foundation Rre Kelemogile Ramasu a re moletlo oo, o setlhogo sa one e leng ‘Go lemoga bagodi jaaka dipilara mo setshabeng’ maikaelelo a one ke go keteka moletlo ka go tlhola le bagolo ba fiwa ditirelo ka go farologana le dithuto tsa botsogo, go ba tlhatlhobela makoa ka go farologana le go ba ntlafatsa jaaka go ba beola meriri. A re tse tsotlhe ke sekao sa go lemoga karolo e ba e dirileng mo setshabeng. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Ramotswa

Event : Moletlo wa bagodi

Date : 28 Apr 2026