A Dikomiti Di Thuse Go Tlhabolola Metse
28 Apr 2026
Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Kabo Ketshogile, o gakolotse dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse le ya batsadi le barutabana go tsaya karolo mo go tlhabololeng metse ya bone.
O ne a re dikomiti bogolo jang ya ditlhabololo tsa motse, di tshwanetse di tsibogele diemo tse e ka kgonang go thusa mo go tsone.
O buile se fa etetse kwa Gootau, Matlhakola, Manaledi, Goosekgweng, Mokungwane le Lecheng, kwa kgaolong ya tswapong bokone, go bona seemo sa dikago tsa puso le go itseela ka tsebe dikgwetlho tse di ba lebaneng.
Rre Ketshogile o kaile fa dingwe dilelo tsa metse, e le tse ba ka di tsibogelang, ka di sa lope madi a a kalo.
O kgalemile maloko ba go utlwalang fa le fa madi a le teng, a sa a dirise a supa fa madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse a sa tshwanela go nna fela a sa dirisiwe mo ditlhabololong tsa motse.
A re badiri ba lenaneo la Ipelegeng ba kopiwe go thusa go tlhagola kwa dikoleng le go phepafatsa dikago mo diemo tse go a bong go sena mophepafatsi e le ka lebaka la gore o a bo a le mo botsetsing kana a seyo ka nakwana.
Go supagetse fa dikole di lebanwe ke letlhoko la ditilo le dijo tsa baithuti gareng ga tse dingwe, fa dikokelwana ka go farologana di tlhaelelwa ke dipilisi tsa madi a matona (high blood pressrure), dipilisi tse di kokobetsang ditlhabi (pain killers) le melemo wa allegex.
Rre Ketshogile a re fa ba sena go bona seemo, khansele e tla a thulanya tlhogo go bona gore e ka thusa fa kae ka ponyo ya leitlho. A re dikgang tse di sa ameng khansele o tlaa di romela kwa maphateng a a lebaneng go thusa. Ends BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Apr 2026




