Batsadi Ba Kopiwa Go Tsaya Maikarabelo
28 Apr 2026
Thuto le kgodiso ya ngwana ke boikarabelo jwa batsadi ka tshwaragano ya barutabana, gore ngwana a gole a na le boikarabelo le isago e e kgatlhisang.
Mopalamente wa kgaolo ya Mmopane/Metsimotlhabe, Mme Helen Manyeneng o supile botlhokwa jwa thwaragano ya batsadi le barutabana, go ntsha maduo a a bonalang mo dithutong tsa bana.
O ne a bua kwa kopanong jwa batsadi le barutabana kwa sekoleng sa Ikageng kwa Metsimotlhabe, a re maitsholo a baithuti a e seng o ne, ke sengwe sa dilo tse di bakang maduo a ditlhatlhobo a a kwa tlase.
Mme Manyeneng o gateletse gore ngwana ke wa motsadi mongwe le mongwe ka ebile, fa ngwana a supa maitsholo a a sa itumedisen, ga go phoso gore motsadi a kope thuso mo boeteleding pele jwa motse go tsenya ngwana mo tseleng.
O kopile batsadi go sa loba fa ba babalelwa ke mabaka a botshelo ka se, se kgona go ama tiro ya ngwana ya sekole.
Mogokgo wa sekole, Mme Kesaobaka Matsoma a re ngwana fa a tsena mo dingwageng tse di lesome le boraro go ya kwa go tse di lesome le boferabongwe, o na le go fetoga maikutlo mo go tlhokang tshwaragano ya motsadi le morutabana.
A re go tsenya letsogo mo sekoleng ga batsadi, go ka lere diphetogo mo matshelong le dithuto tsa bana.
Fa a tlhalosa maikaelelo a bokopano le batsadi, Morutabana wa Guidance and Counselling, Mme Tumedi Anigwo o supile fa go le botlhokwa go nna le dipuisano ka boitekanelo jwa bana, magareng ga batsadi le ba na-le-seabe, go abelana dikgang tse di amang bana le batsadi.
A re go dira jalo go tlhofofatsa go bua le bana. Mme Anigwo o kopile batsadi go emisa go kopana le barutabana fela fa ba tla go amogela maduo a bana a paka.
Mo boemong jwa batsadi monni wa Metsimotlhabe gape e le mogokgo wa pele wa sekole, Mme Tshesana Mmesetse o gateletse botlhokwa jwa gore sekole se itsege ka maitsholo kgatlhisang.
A re a paka ya sekole e seka ya amangwa le ditiro tse di bosula, bana ba emise go gobeya mebila ba e apere fa ba se mo sekoleng, matlo a boithutelo a nne a le mo seemo se se siamemg ebile yo o o senyang dithoto tsa sekole a tseelwe dikgato.
Mookamedi ebile e le mosimolodisi wa sekole sa Dawn Bell, Moruti Ndiko Muzila, o supile fa batsadi ba sa tlhole ba tlhokomela bana.
A re didirisiwa tsa maranyane le madi ke tsone tse di emiseditseng tlhokomelo ya botsadi.
A re batsadi ba tlhokomologile boikarabelo jwa bone, ba bo rwesitse barutabana.
Moruti Muzila o kgothaditse batsadi go emisa go nna bonolo thata mo baneng gape, ba nne le botsala jo bo supang pharologano gareng ga ngwana le motsadi.
Mokhanselara wa legare la Metsimotlhabe, Rre Seabo Marumo o boletse fa a bereka go kgalema baithuti ba ba jang ditagi, le go kopanela dikobo mo dijarateng tse di matlotla.
A re go botlhokwa gore baithuti ba rutiwe ka bodiphatsa jwa ditagi le boimana ja bana.
O kgothaditse batsadi go nna le botsalano le bana ba bone, gore ba gololesege go bua maikutlo a bone le bana, ba supegetse bana lorato le thotloetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thokozani Matiha
Location : Metsimotlhabe
Event : PHUTHEGO YA BATSADI
Date : 28 Apr 2026




