Breaking News

Letlhoko la metsi le motlakase le kokonela ba Matopi

27 Apr 2026

Go tlhaela ga metsi le motlakase kwa Matopi go kokonela banni ebile go ba kgoreletsa go ka nna le dilwana tse di dirisang motlakase.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Goitsemodimo Kgomo, o kopile Mopalamente wa Tati Botlhaba, Rre Tlhabologo Furniture, go ba thusa.

Boikuelo jo, bo dule mo phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke Rre Furniture kwa motseng oo, kwa Mme Kgomo a neng gape a bolelela fa ba eletsa go agelwa ofisi ya sepodise le matlwana a borutelo a bana ba bannyennyane.

Monni wa motse, Mme Kgomotso Mabobo, o kaile fa lephata la kabo ditsha le le maoto a tshupa go ba baya ditsha, ka go setse go le lebaka ba letile.

Mopalamente Furniture o tlhalositse fa a tlaa isa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba.

O ne gape a bolelela banni fa madi a ditlhabololo a dikgaolo, a tlaa nna teng monongwaga mme a tlaa dirisiwa mo ditirong tse di neng di saletse kwa morago.

Rre Furniture o ne gape a ba itsise fa Palamente e dumalane ka tlhopho, mogopolo wa go tlhoma kgotla ya molao motheo mme kgang e tlaa fetisediwa kwa Batswaneng, go tsaya tshwetso ka go tlhopha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : MATOPI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2026