Breaking News

Bolwetsi jwa tlhako le molomo bo diga tlhwatlha ya kgomo

27 Apr 2026

Bolwetsi jwa tlhako le molomo bo digile boleng jwa thekiso ya kgomo ka jaana tlhotlhwa ya kgomo e wela tlase segolo jang kwa mafelong a a amegileng.

Se se boletswe ke Dr Kennedy Ndlovu wa lephata la matlhoko a leruo mo phuthegong ya kgotla kwa Lerolwane mo kgaolong ya Kanye Botlhaba.

Dr Ndlovu a re fa kgomo e ka amana le molemo wa tlhako le molomo, tlhotlhwa ya theko e wela tlase. O kaile fa kgomo e ntse e rekwa P5 000 go ya kwa go P10 000, go ya ka letsopa la kgomo.

 A re kgomo fa e kentilwe e tlaa rekwa ka tlhotlhwa e e rekang kgomo kwa dikgaolong tsa Nhabe, kwa tlhako le molomo e neng ya tlhasela teng, e eleng sekete le makgolo a ferabobedi a dipula, a tlhalosa a bo a supa gore se se digela tlhotlhwa ya kgomo kwa go ya dihutshane.

A re go tlhagoga ga bolwetsi jo kwa kgaolong ya borwa go dubile mebaraka ya thekiso ya nama ya Botswana kwa mafatsheng a Europe. Dr Ndlovu o kaile fa seemo sa mebaraka se ka bifela pele fa bolwetsi bo ka amana le matlhabelo a BMC, ka go ka oketsa go kganelwa kwa ntle ga mmaraka wa Europe.

Dr Ndlovu a re go kgotsofatsa mmaraka o ke gore nama e seka ya amana ka gope le bolwetsi kgotsa mokento wa tlhako le molomo. A re le fa Zone 11 e tshwailwe ka gore e amilwe ke bolwetsi, kgaolo ya Kanye e santse e sena jone.

O ntshitse matshwenyego a gore dikgomo tsa metse ya Molapowabojang, Digawana, Mogojogojo le Lorwana di fulela ntlheng ya polase ya Hildavale, kwa go nang le bolwetsi teng.

A re se, se baya kgaolo ka fa mosing mme a kopa barui go dirisanya le puso le go tsaya boikaraelo jwa go tlhokomela loruo, a kopa morafe go disa, go tshuba ka tshipi ya kgaolo le go rwesa manyena.

Gape a re fa kgomo e ka timelela kwa go kentelwang bolwetsi e tshwailwe sentle, go ka thusa go lemoga fa e na le mogare le gore mong wa yone o ka e bilediwa fa bolwetsi bo sena go boela morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : LEROLWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2026