Breaking News

Banni ba Motshegaletau ba itela ka tlhaelo le tiego ya ditlamelo

27 Apr 2026

Banni ba Motshegaletau kwa kgaolong ya Legare ba re ditsela tse di sa siamang, go tlhoka go ntshafadiwa ga dikago le matlo a bodiredi jwa puso le tiego ya ditsha tsa bonno, di ba beile ka fa mosing.

Kgosi Mogotsi Mosweu o boletse fa motse wa gagwe o faraferwe ke mathata, a kaya fa go tlhoka go bewa ditsha ka nako go kokonetse morafe wa gagwe mo ebileng bangwe ba setse ba ikantse go nna bo maipaafela.

O tlhalositse mo phuthegong ya kgotla, e e neng e biditswe ke mopalamente wa Serowe borwa kwa motseng oo, Rre Leepetswe Lesedi, fa se, se bakilwe ke tiego ya ba lephata la kabo ditsha.

Kgosi Mosweu o supile fa tsela nngwe mo motseng, e e neng e adilwe ditena, e le makgasa morago ga gore ba koporase ya metsi ba e kgankgamolole ka ba ne ba lemogile fa ditena di adilwe fa godimo ga moalo wa bone wa kgopo ya metsi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ogomoditse Ramphile, o supile fa dikago tsa ga goromente tse di mo motseng, di tlhoka go tlhabololwa.

 “Sekole sa rona se se botlana se tlhaela ditilo le ditafole, matlwana a boitiketso mangwe ga a bereke mo a bakileng gore sekole sotlhe se lebagane le matlwana a ka tshwara bobedi go dirisiwa. Se betsho, ga se selo se se siameng,” Rre Ramphile a tlhalosa.

A re dipilisi tsa bolwetsi jwa madi a matona le tsa bolwetsi jwa sukiri di a tlhaela mo motseng.

O kgadile batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi mo malwapeng, a re se ke go tlhoka tlhokomelo e e lolameng mo baneng, ebile go ba tsenya mo diphatseng tsa dilalome le dikotsi di tshwana le go shela mo matlong.

 “Mokgwa wa go phuaganya bana motsadi a ya bojalweng kgotsa a ya go bapala phane a o eme, le tsenya bana mo kotsing ya dilalome lego itshubela mo matlong ba re ba a ikapeela. A ko le nneng le tlhokomelo le lorato mo baneng,” Rre Ramphile a kgalema.

Mopalamente Lesedi, o ne a kgala se se dirilweng ke koporase ya metsi, a kopa gore ditshwetso tsotlhe tse di tsewang di nne le morero, go itsa go gotlhagotlhana. 

O gwetlhile maphata go tlhatlosa lebelo la go baakanya tse di senyegileng ka di sa siamela matshelo a setshaba.

A re jaaka puso e supile fa e sena madi, o kopa morafe go ipelega. 

O kopile thata gore morafe o tshwaragane le puso go lwantsha tlhako le molomo ka go sala morago ditaelo tse di beilweng ke ba lephata la tsa temo thuo.

Go dira jalo a re go ka babalela bonyenyane jwa leruo le ba nang le lone, le kamoso le ka tsogang le ba namola mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Motshegaletau

Location : KEAMOGETSE SETILO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2026