Dikoloti o gakolola barui go tlhokomela leruo
26 Apr 2026
Barui ba kgaolo ya Kweneng ba gakolotswe go laola motsamao ya le leruo, maikaelelo e le go thibela kanamo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.
Motshwarelela tona wa lephata la lefatshe le temo thuo, Dr Edwin Dikoloti o buile jalo mo phuthegong ya therisano kwa kgotleng ya Molepolole ka Labotlhano.
Dr Dikoloti a re boamaruri ke gore tshwaragano ya setshaba le puso e ka tlisa phenyo kgatlhanong le tlhako le molomo.
A re barui ba tlhatlhele le go disa leruo gore ba kgone go laola motsamao wa bone.
Dr Dikoloti o lebogetse maiteko otlhe a dirwang go laola motsamao wa leruo jaaka tiro e tsweletseng ya boithaopo ya go baakanya terata e laolang mathoko a leruo ya Dibete ya dikhilomethara tse 187.
Le fa go ntse jalo, barui ba kopile puso go thusa ka go kokoanya tsotlhe tse di ka tlaleletsang maiteko a dirwangvke setshaba go lwantsha tlhako le molomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Apr 2026





