Breaking News

Baruti ba na le seabe mo go ageng setshaba

23 Apr 2026

Baruti ba kgaolo ya Kweneng ba galaleditswe tiro e ba e dirang mo setshabeng go ba ruta Modimo ka lerato le kagiso.

E rile a bua mo bokopanong jwa baruti ka Labobedi, modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Ontefetse Rankhibidu a re baruti ke ba tsaya karolo e e botlhokwa mo setshabeng ka ba sa rute ka Modimo fela, mme ba ruta ka maitsholo le lerato ka e le tsone di agang tshaba e e nonofileng.

Ka jalo o ba lebogetse karolo e ba e tsayang mo setshabeng. 

Mo go tse dingwe, Rre Rankhibidu o supile fa a sa itumedisiwe ke tiriso botlhaswa ya nnotagi e e tsweletseng ka go ama le go senya matshelo a banana.

Modulasetilo wa khansele a re ga a jesiwe diwelang ke maitsholo a banana, a re go dira jalo go senya ledula le lefatshe leno le itsiweng ka lone.

Gape o supile fa kgokgontsho ya bong e tsweletse ka go tshwenya mo kgaolong ya Mokwena le Botswana ka bophara.

Ka jalo, Rre Rankhibidu o kopile baruti go dira tiro ya bone ka mashetla ka lefatshe le aperetswe ke dikgang tse sa jeseng monate.

A re dingwe tsa dikgang tse di felela di utlwalelwa mo dikerekeng mme seo se leswafatsa boleng jwa bone le kereke ka kakaretso.

Modulasetilo o supile fa a dirile tebelopele ya Kweneng e mo go yone a ikaelelang go aga Kweneng wa isago le go tlisa pabalesego mo metseng ka go farologana.

A re o setse a tshwere bokopano le batsayakarolo ba bangwe jaaka badiragatsi, mme o bone go le botlhokwa go kopana le baruti ka e le baeteledi ba setshaba le bone.

Baruti ba ne ba lebogela bokopano joo mme ba supa fa bo le botlhokwa fela thata ka go supa fa puso e ba tsaya tsia ka e lemoga botlhokwa jwa bone.

Ba re ere ntswa ba faraferwe ke dikgwetlho ka go farologana, ga ba na go ineela mo go direleng setshaba ka ba romilwe ke Modimo tiro eo.Moruti Bathusi Sonoko wa Kereke ya Bread of Life Christian Church International o ne a supa fa ba thusa puso fela thata mo dikgangannyeng tsa kgokgontsho mme ya re morago ba seka ba rolelwe gore kgang e feletse kae.

O ne a gatelela botlhokwa jwa tirisano mmogo gareng ga bone e le baruti le bodiredi bope fela jwa puso ka seo se ka thusa go rarabolola dikgang tse di amang setshaba ba le mmogo.

Moruti wa kereke ya Lontone, Rev. Innocent Omphile o supile botlhokwa jwa gore baruti ba rutiwe ka dithuto tse di ba thusang go rarabolola dikgang tse ba kopanang le tsone.

O kopile modulasetilo gore ba tshwaragane mmogo go etela dikole go ruta bana ka boitshwaro le botlhokwa jwa go tlogela nnotagi.

Moruti Omphile a re o lemogile gore ngwana wa mosetsana o sirelediwa thata go gaisa wa mosimane mme seo se dira gore ba salele ko morago.

E rile mo kamogelong ya gagwe, mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Kgololo Mafale o supile kereke e na le seabe se setona fela thata mo setshabeng.

Rre Mafale o supile fa moalo wa khansele wa ngwaga tse tlhano o wetse mme jaanong modulasetilo a kopane le ba-tsaya-karolo ka go farologana gore ba tle ba kgone go dira moalo o o lolameng go isa kgaolo ya bone kwa pele.

Mokwaledi o ne a supa seo se tlaa fa modulasetilo wa khansele ya Kweneng go nna le tebelopele e e kwenneng go aga kgaolo ya Kweneng le go baakanyetsa isago.

Rre Mafale a re gape se tlaa thusa go aga Kweneng wa kamoso gompieno le go tokafatsa matshelo a Bakwena le Batswana ka kakaretso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Molepolole

Event : BOKOPANO JWA BARUTI

Date : 23 Apr 2026