Breaking News

Kgosi Saudu o amogela thomo

23 Apr 2026

Kgosi Gorewang Saudu, yoo sa tswang go neelwa thomo ya go etelela kgotla ya Tsanekona kwa Maun, o tshepisetse fa a tlaa dira tiro eo ka lorato le bonokopila.

O tlhalositse fa tshwaragano le kemo nokeng ya banni e le yone ee ka mo kgontshang tiro ya gagwe.

A re dikgakololo tsa bone le gone go dira ba le ngata e le nngwe go ka tlhofofatsa gape ga tlisa ditlhabololo mo kgaolong ya bone.

Tiro eo, e ne e tsenwe ke magosi a goo-Tawana, baruti, bagolo ga mmogo le makhanselara ba ba neng ba ntsha melaetsa ya kgothatso.

Kgosi Oneetse Mokenene wa kgotla ya Maphane o boleletse Kgosi Saudu fa kgosi thotobolo e olela matlakala otlhe.

A re ele dikgosi tsa tetlanyo, molao o ba letla go bereka malatsi a le mabedi mo bekeng, mme seo se a pala ka jaana ba ka seke ba ikgatholose dikgwetlho tsa bao ba ba ba romileng.

O tsweletse a mo tsibosa fa dikgang tsotlhe tsa morafe di buelwa kwa kgotleng, e seng mo mmileng, a re seo se ka mo thusa go reetsa le go rarabolola dikgang a sa tseye letlhakore.

A re o tshwanetse gape a dirisanya le dikgosi tse dingwe ka jaana di ka mo fa bokaedi le dikgakololo fa a tlhaelang teng

Kgosi Mokenane o mo rotloeditse gape go sa ikamanya le sepolotiki a supa fa tiro ya bogosi e le go aga setshaba le go se tlhokomela.

Moruti Modibedi Ndiane wa kereke ya Sabata le ene o ne a latlhela tlhware logonnyana a gwetlha Kgosi Saudi go ikanya Modimo gore a kgone mo tirong ya gagwe.

A re a tlhaloganye gore banni ba mo romile jalo ka tshepo ya gore o ka ba etelela ka botswapelo. 

“Ga ke na pelaelo mo go wena ka jaana o le moeteledipele kwa kerekeng. Ke dumela gore o tla dira tiro ka botswapelo, lorato le tlotlo” a tlatsa jalo.

Moruti Ndiane o gakolotse kgosi go dira mmogo le morafe ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Peo ya Kgosi

Date : 23 Apr 2026