Banni ba Chobe ba tlhagisiwa ka kgonagalo ya morwalela
22 Apr 2026
Mogolwane wa Lephata la Metsi le Kgotlelesego mo Kasane, Rre Otlaathusa Tshekiso o tlhaloseditse BOPA fa noka ya Chobe e kwadisitse selekanyo se se kwa godimo mo dingwageng tse tlhano ka jalo se se baka metsi go tshologela kwa ntle ga lotshitshi.
A re go ya ka mekgwa ya pula, selekanyo sa monongwaga se tshwana le sa dingwaga tsa 2009/10, 2017/18 le 2019/20.
O tlhalositse fa mo dingwageng tseo tsotlhe, selekanyo sa metsi kwa Mowana Station se se dirisiwang ele sekale sa beke le beke mo pegong ya lefatshe se fitlhile 5.35m, yo e leng ene bolekanyetso.
Rre Tshekiso a re go ya ka tebelopele ya bone go solofetswe metsi a mantsi mo nokeng ya Chobe mo pakeng e, se se bakwa ke dipula tse di namagadi tsa monongwaga le tshelegelo ya metsi ka masheta go tswa Zambezi.
Mogolwane o buile fa mafelo a boroko jwa bajanala a a bapileng le marekisetso a Shoprite le Chobe Big Five kwa Kasane a tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka gantsi a tshabelelwa ke merwalela ka ntlha ya gore a mo lefelong le le kwa tlase ka jalo metsi a kgokologela teng motlhofo.
O supile fa tsela ya Kachikau-Satau ga mmogo le motse wa Satau le tsone di le mo diphatseng bontsi jwa dinako fa metsi a tshela ka bokete ka jalo go nne merwalela.
Rre Tshekiso o tlhalositse fa lephata le tsenelela komiti ya Kgaolo ya Chobe ya Dibetsa tsa Tlholego ka jalo ba bereka ka natla go tsibosa banni ba Chobe ka kgonagalo ya morwalela jaaka noka e tshela. “Komiti ya Kgaolo ya Chobe ya dibetsa tsa tlholego e tsweletse ka go tshwara diphuthego le go tsena mo dikolong go ruta le go tsibosa Batswana ka bodiphatsa jwa noka jaaka e tshela le kgonagalo ya merwalela mo mafelong mangwe.”
A re komiti e e dirile dipatlisiso go tlhodumela bodiphatsa jwa bao ba ba mo mafelong a a tshabelelwang ke merwalela a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno, ga gona ope yo o fudusitsweng mo bonnong jwa gagwe ka lebaka la go tshela ga noka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Keetile
Location : Kasane
Event : Potsolotso
Date : 22 Apr 2026




