Breaking News

Banana ba Tsootsha ba sega tema mo twantshong matlhoko a leruo

21 Apr 2026

Banana ba Tsootsha, ba intshitse leswe dinaleng ka go reka terata e e kganelang metsamao le taolo matlhoko a leruo go dirisiwa kwa molelwaneng wa Mamuno.

Fa a rola mpho eo, kwa Charleshill, Mothusa tona wa lephata la metsi le bonno ebile e le Mopalamenete wa kgaolo ya Charleshill, Rre Motsamai Motsamai, o tlhalositse fa diterata tseo, di ka tshwara masome a mararo le borataro.

A re di tlaa thusa go menagane go tsosolosa terata ya taolo matlhoko a leruo kwa molelwaneng, e a supileng go le dingwaga e sa baakangwe le mororo morafe o ne o bua o sa kgale mathe ka tshenyego ya yone.

O kaile fa tiego ya go baakanya terata ya kwa molelwaneng e jesetsa barui mo kgobedung ka bogodu jwa leruo fa gare ga Botswana le Namibia bo ile magoletsa.

Ka jalo, Rre Motsamai o iteetse komiti ya twantsho bogodu jwa leruo ya Matlho a Rona le banana ba Tsootsha legofi ka seabe sa bone, go ema puso nokeng go leka go tsosolosa terata ya taolo mesepele le matlhoko a leruo.

O gwetlhile banni ba metse e mngwe le dikomiti ka go farologana go tsenya letsogo ka go reka tse di tlhaelang go itsa seemo go bifela pele.

Mothusa modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Mbao Kahiko III, o gwetlhile morafe go tshwaraganela kago ya terata ya molelwane, go fokotsa dikgetsi tsa bogodu jwa leruo jo bo diragalang fa gare ga melelwane, le go kganela metsamao ya leruo go thibela kanamo ya malwetsi.

O supile fa go le dingwaga ba lela ka tshenyego ya terata kwa molelwaneng mme a re fa barui ba iteka, go ne ga nna gore ba tlola ditsamaiso tsa mafatshe oo mabedi, ka jalo a gwetlha baeteledipele le ba maphata a a maleba go sekaseka dikgang tseo, go kgontsha barui go tsosa terata go sa le nako.

Kgosi Kahiko o gwetlhile barui go tlhatlhela leruo la bone le go le disa ka dinako tsotlhe.

Mo go tse dingwe, o gwetlhile baeteledipele ba kgaolo go tshwaragana le bana-le-seabe ba bangwe, go tla ka methale ya go netefatsa gore melao e e tlhomilweng ya go laola kanamo ya bolwetsi e a obamelwa.

Mogolwane kwa lephateng la matlhoko a leruo, Dr Olorato Tshireletso, o supile fa bolwetsi bo simolotse go thubega kwa kgaolong ya Bokone mme ka lesego ba kgonne go ba laola ka go kenta dikgomo mo kgaolong tseo.

A re ka maswabi, bolwetsi bo ne jwa thubega kwa kgaolong ya Goodhope kwa kampeng ya Ramatlabama, mme a supa fa ba tsweletse ka go gatisa dikgetsi mo metseng e mo tikolong ya Goodhope.O supile fa ba ne ba tshwara bolwetsi gape kwa polaseng nngwe gaufi le Hildavale, mme go supagala fa go na le dikgomo go tswa kwa mafelong a a farologanyeng mo melwaneng ya Zone 12 le 13, fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletswe.

Dr Tshireletso gatelela botlhokwa jwa go obamela melawana e e beilweng e e iletsang go tlhabiwa ga diphologolo tsa tlhako e e maphatha le go phatlalatsa ditswa kgomong jaaka nama, matlalo le mashi.

O gateletse fa ba itemogetse gore ga gona dikganedi kana fa go gatiwang teng melemo ya tsa taolo matlhoko a leruo, fa gare ga melelwane ya Zone 11, 12 le 13 mme a supa fa dipuisano di tsweletse go baakanya seemo.

Modulasetilo wa khansele ya Charleshill, Rre Baduetswe Setswalo, ene o ne a gatelela tshwaragano ya morafe go ema kgatlhanong le kanamiso ya bolwetsi jwa tlhako le molomo.

O supile fa bontsi jwa banni ba tshela ka thekiso le theko ya kgomo ka jalo, go le mo maruding a morui mongwe le mongwe go tsenya letsogo fa go tlhokafalang teng go dibela kgomo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Charleshill

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Apr 2026