Breaking News

Kgosi o rotloetsa tshwaragano mo twantshong tlhako le molomo

21 Apr 2026

Kgosi ya GaMalete, Kgosi Mosadi o rotloeditse morafe go netefatsa gore ba lwantsha tlhako le.molomo.

Mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke motshwarelela Tona wa Lefatshe le Temothuo, Dr Edwin Dikoloti kwa Ramotswa ka Labobedi,

o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le le mo mathateng morago ga gore le welwe ke seru sa bolwetse jwa tlhako le molomo. 

A re puso e ntse e mekamekane le dikgwetlho morago ga gore theko ya diteemane e le kwa tlase.

Kgosi Mosadi a re dintwa tse ditsweletseng kwa mafatsheng di kokonetse itsholelo le go feta ka jaana dithwatlhwa tsa leokwane di gakaditse seemo.

Ka jalo o ne a ba kopa gore ba seka ba kgala puso, mme ba e thuse mo mathateng a kana kana a.

Kgosi Mosadi o kopile dikomiti tsa temothuo mo motseng go netefatsa gore di bereka le marara ka jaana bolwetse jo bo tla ka methale e mentsi, bangwe ba bo tlisa ka go tlola terata, ba sa tlole kwa molelwaneng.

A re go netefadiwe gore gangwe le gape go tlhokomelwa kwa go nang le kgonagalo ya gore batho ba tlolele teng e le maiteko a go itsa kanayo ya bolwetse.

Mo go tse dingwe, o kopile Tona Dikoloti go buisanya le balekane ba gagwe kwa South Africa gore Balete ba letlelelwe go tsosa terata e kgaoganyang mafatshe a mabedi.

Morago ga gore bolwetse bo tlhage mo kgaolong e e tlwaelegileng ka Zone 11, Tona Dikoloti o sianye le kgaolo eo go lekodisana Batswana ka seemo se.

Fa a ba ema ka molaetsa, Dr Dikoloti o ba kopile gore ba ba nang le pelaelo ya bolwetse kwa masakeng a bone, ba seke ba sia ka bolwetse, mme ba itlhagise ba matlhoko a leruo.

A re o swabisitswe ke gore go na le barui bangwe ba go supafalang ba ntse ba beile bolwetse botsetse, ka jaana dikgomo dingwe di fitlhelwa di na le dipadi tsa bolwetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : Ramotswa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2026