Breaking News

Metshameko e ka nowa moro

21 Apr 2026

Go inaakanya le motshameko wa kgwele ya dinao ke bomme le bana ba basetsana go supiwa e le kgatelopele e tla thusang go emisa kgetholola ka bong.

Le fa go tswa goo-lowe kgwele ya dinao e ne e lebega e le motshameko wa borre, bana ba basetsana ba itshupa fa le bone ba na le bokgoni, ka jalo ba dira ka natla go itshetsa ka yone.

Seo, se senoga jaana ka e rile bosheng mongwe wa bomme ba ba katisang kgwele ya dinao a ne a iphitlhela a le fa gare ga borre ba bakatisi ba ba neng ba nopolwa ka lenaneo le le rulagantsweng ke Tautona Advocate Duma Boko go ya go tlhatlhelelwa mo go tseneletseng kwa setlhopheng sa Manchester United kwa England. 

Mme Kesego Kgaudi wa Tsabong ke mosimolodi gape ke mokatisi wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa Makgabz City.

E rile a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle wa ga mokatisi Kgaudi, mongwe wa masika, e leng kgaitsadie, Rre Molemi Kgaudi o supile fa gole gantsi batsadi ba itllhokomolosa ditalante tsa bana bogolo jang mo go tsa metsahameko.

Rre Kgaudi o ne a tlhalosa fa go ya go ithuthuntsha mo go tsa bokatisi ga ga Mme Kgaudi, go ba dirile motlotlo thata, bogolo jang ka e le mme a le nosi yo a nopotsweng go ya go emela kgaolo ya Kgalagadi le lefatshe la Botswana ka bophara.

O ne a supa fa kgaitsadie a tswa kgakala a rata bobe kgwele ya dinao mme batsadi ba sa lemoge bokgoni jwa gagwe, e bile ba ne ba sena thotloetso e kalo mo go se a se dirang.

Le fa go ntse jalo a re lerato la gagwe la kgwele ya diano, ke selo se se rotloeditseng batsadi ba bangwe go ema ka dinao ba rotloetsa bana kgatlhegela metshameko e ba e ratang ka e ka nowa moro.

Rre Kabo Lekhutlile, yo e leng mokatisi mo setlhopheng sa Makgabz City go tswa ka 2022, o tlhalositse fa Mme Kgaudi e le mongwe wa bomme ba ba itsetsepetseng mo kgweleng ya dinao.

Modulasetilo wa lekgotla la kgwele ya dinao mo kgaolong ya Tsabong, Rre Moruti Osenoneng a re ba motlotlo thata ka Katlego ya ga Mme Kgaudi, ka a tswa kgakala a ikiteile sehuba go fitlhelela se a se batlang mo motshamekong wa kgwele ya dinao, mme seo sa dira gore a felele a tlhamile setlhopha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 21 Apr 2026