Breaking News

Barui bangwe ba kgoreletsa twantsho ya tlhako le molomo

20 Apr 2026

Letsholo la ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo le kgorelediwa ke bangwe Batswana ba ba ikgatholosang molao kgatlhanong le go lwantsha bolwetse joo.

Se ke matshwenyego a a supilweng ke mogolwane e bile e le Ngaka ya Twantsho Matlhoko a Leruo mo kgaolong ya Kanye, Dr Kennedy Ndlovu fa a ne a ne a ntsha pego ka seemo sa bolwetse jwa tlhako le molomo kwa bokopanong jwa khansele e e faphegileng kwa Kanye ka Labone.

Dr Ndlovu o supile fa go tshwenya go bo barua-kgomo bangwe mo kgaolong ba tshabisetsa dikgomo tsa bone kwa mafelong a sele bosigo.

A re go dira jaana go busetsa maiteko a puso ko morago le gone go senya mmaraka wa lefatshe leno kwa mafatsheng a sele.

O ikuetse mo khanseleng go tsibosa morafe ka tlhwaafalo kgatlhanong le go ikgatholosa molao wa twantsho bolwetse ja tlhako le molomo mo setshabeng.

Dr Ndlovu o tlhalositse fa mo nakong eno go sa letlelesege go bolaya leruo lepe la tlhako e maphatla le fa e le go lo tsamaisetsa kwa ntle ga dithota tse go ruetsweng mo go tsone.

Mo godimo ga moo, o kopile gore barui ba rotloediwa go tlhatlhela leruo lwa bone

O tlhalositse fa mo kgaolong ya borwa, marekisetso a nama kwa matlhabelong a Lobatse a santse a na le nama e mo bogompienong e leng yone e letelesegang go ka rekwa le go tsamaya mo kgaolong.

Dr Ndlovu o sedimoseditse makhanselara gore kotlhao ya go roba melao kgatlhanong le go lwantsha tlhako le molomo ke dikete tsa dipula tse tlhano go ya go tse di lesome le botlhano.

 O tlhalositse fa mo sebakeng se makoko a bakenti a phatlaletse le kgaolo go tlhodumela motlhala wa bolwetse mo dithoteng ka go farologana.

Fa ba akgela mo pegong ya seemo ka bolwetse mo kgaolong, makhanselara a supile fa ba amogela le go ema nokeng kitsiso ya molaodi wa kgaolo ya Kanye, Rre Mompoloki Mochanang, yo e rileng go le pele a tlhalosa fa boeteledipele jwa motse go akaretsa bogosi, bo tla tsena phuthego ya go sekaseka go rulaganyetsa mephato go tsaya karolo mo twantshong ya bolwetse.

Ba ne ba atla mogopolo oo, ba re ke selo se se botlhokwa go tlatsa maiteko a puso mo go thuseng lefatshe.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba supile matshwenyego a gore go tsibogela twantsho le thibelo ya tlhako le molomo ke puso go ko tlase thata, ba supa fa go ka be go gagamadiwa fela jaaka fa go ne go lwantshiwa bolwetse ja COVID-19.

Ba kgadile thata badiri ba ba mo dikganeding tsa tsela tsa twantsho bolwetse basupa ba le maoto a tshupa go dira ka tlhwaafalo.

“Fa bapalami ba dibese ba fologa go tipa di tlhako, ga ba fologe ka dibeke tsotlhe tse dingwe di sala mo beseng”, ga tshwaela Mme Kereng Rabaji a tlatsa ka gore tse beng ba tsone ba di folositseng ga di okomelwe gotlhelele go tlhola nama mme selo se se borai thata.

Ba gakolotse lephata la Matlhoko a loruo go ntshetsa mo pontsheng dikotlhao tse batlola molao ba dipegilweng.

“Se se ka tsibosa le go bontsha ba bangwe gore go tlhoafetswe go le kae go tseela badira molato dikgato”, ga tlatsa Rre Themba Stimela.

Mo godimo ga go amogela selelo ka lephata gammogo le maiteko a batsaya karolo ba bangwe mo go lwantsheng bolwetse, makhanselara a dumelane go thusa ka go gasa molaetsa kwa diphuthegong ka go farorogana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Bokopano kwa khansele

Date : 20 Apr 2026