Dikoloti o kopa Barolong go emisa go tlola molelwane
20 Apr 2026
Motshwarelela Tona ya Lefatshe le Temothuo, Dr Edwin Dikoloti, o kopile baagi ba Barolong go emisa go tlola terata ya molelwane le fa e le go etela ba losika kwa South Africa, a tlhagisa gore mokgwa oo o ka anamisa bolwetse jwa tlhako le molomo, mme wa kgoreletsa maiteko a go bo laola.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Phitshane Molopo ka Matlhatso, Dr Dikoloti o supile fa a swabisiwa ke mokgwa o o sa ntseng o le teng mo bathong bangwe ba ba batlang go tshela molelwane go ya go reka le go etela ba losika le fa bolwetse bo setse bo bonagetse mo lefelong leo.
“Ke le kopa gore lo amogele kgakololo mme lo rutwe ka ga bolwetse jwa tlhako le molomo, go botlhokwa gore lo bo tlhaloganye,” ga bua Dr Dikoloi.
O tlhalositse gore maikaelelo a phuthego eo e ne e le go itsise baagi ka seemo sa bolwetse, a lemoga gore bo setse bo amile metsana mengwe mo kgaolong ya Barolong, mme go ka kgonega gore bo fitlhe mo lefelong la bone.
Dr Dikoloti o kopile balemi le setshaba go fetola mekgwa ya bone le go dirisana sentle le badiredi ba diphologolo, a re seo se tlaa nonotsha maiteko a go lwantsha bolwetse.
O rotloeditse gape balemi go lebelela dikgomo tsa bone ka kelotlhoko gore dikai dipe tsa bolwetse di bonwe ka bonako.
Dr Dikoloti o gakolotse gape banni go emisa go kopa go kentiwa ga dikgomo, a tlhalosa gore go kenta go fokotsa boleng jwa tsone, mme go ka thibela mebaraka ya kwa ntle e e nang le boleng jo bo kwa godimo.
O kopile setshaba go thusa go baakanya terata ya taolo, e e nang le seabe se segolo mo go laoleng motsamao wa dikgomo.
Banni, mo letlhakoreng la bone, ba kopile mafelo a go fula dikgomo, fa bangwe ba botsa gore a go tlola terata go ya go reka dilo tsa botlhokwa go tla tsewa e le molato, ba supa gaufi le theko e e kwa tlase ya mabenkele a kwa moseja wa molelwane.
Dr Dikoloti o rile dikakanyo tseo di a swabisa, ka gonne o ne a solofetse gore setšhaba se tla tsaya karolo ka mafolofolo mo go lwantsheng bolwetse.
O gateletse botlhokwa jwa go fetola mokgwa wa go akanya, a re bangwe ba sa ntse ba dumela gore bolwetse bo ka laolwa ka go fudusa dikgomo fela.
O senoletse gore diketsahalo tsa bolwetse di setse di bonwe kwa polasing kwa Hildavale le kwa lefelong la diphologolo tsa poo kwa Ramatlabama, se se bontshang gore bolwetse bo anamela le fa go na le dikgato tse di ntseng jalo.
Dr Dikoloti o kopile gape dikgosi, bagakolodi le baeteledipele ba dikereke go thusa go ruta setshaba, a re go santse go tlhokega tiro e ntsi go netefatsa gore batho ba tlhaloganya dikotsi tse di amanang le bolwetse jwa tlhako le molomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Phitshane Molopo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Apr 2026



