Breaking News

Marekisetso a nama a tswetswe

16 Apr 2026

Bontsi jwa marekisetso a nama kwa Tsabong a tswetse morago ga gore ba lephata la matlhoko a leruo ba ntshe dikitsiso tsa go emisiwa ga go tlhaba mo kgaolong eno.

Rre Pako Bimbo, mongwe wa marekisetso a nama  a a setseng a tswetswe o ne a tlhalosa fa seemo seo se mo amile thata ka a tswa kgakala a  itshidisa ka kgwebo eo.

O ne a supa fa a setse a na le sebaka sa kgwedi kgwebo ya gagwe e sa bereke mme selo se se mo amileng fela thata ka a tshwanetse go duela  phiriso ya marekisetso a nama le  matlhabelo, le gone go duela babereki ba ba leng boferabongwe ka palo.

A  re matlho a bone e le bagwebi ba nama a lebile fela kwa Modimong kwa thuso ya bone e tlaa tswang teng.

Rre Bimbo  o ne a kgothatsa bagwebi ka ene go tlhoka go nna le mowa wa boitlhobogo, mme a re mo nakong eno ba ka fetola ditlhaloganyo go dira tse dingwe tse di ka ba tsenyetsang letseno go na le go phutha diatla fela.

Rre Mompati Kgositlou wa madirelo a Nama Monate mo Tsabonga re ga gona letseno lepe le ba le bonang ka go sena nama fa e sa le kgwedi eno e simolologa.

Rre Kgositlou a re ga sa itse  gore o ka leba kae mabapi le dituelo tsa phiriso ka a hirisiste madirelo le go duela babereki.

Rre Kgositlou o ne a supa fa tsholofelo e le gore  seemo sa bolwetsi se tla laolesega gore sengwe le sengwe se kgone go boela mannong, a tlatsa ka go supa fa kgwebo ya thekiso ya nama e le bogadi bogaufi fa o tshwantshwanya le madirelo a mangwe mo kgaolong ya Tsabong.

Rre Stephen Coetzee, monni wa Tsabong o ne a supa fa jaanong Batswana ba tshwanentse go fetola ka fa ba akanyang ka teng mabapi le seemo se ba lebaganeng. 

O ne a tlhalosa gore ka nako  ya dintsho le manyalo,  ba setse ba dumalane gore setshabo e tlaa nna nama ya koko. BOKHUTLO  

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 16 Apr 2026