Breaking News

Bomme ba kopilwe go dira mekgatlho

16 Apr 2026

Mothusa tona wa boatlhodi le kago sesha ya magolegwa, Rre Augustine Nyatanga, o kopile bomme go tshwaragana ba bope mekgatlho e e ka ba thusang go buisana ka mathata a bone.

Rre Nyatanga o buile se kwa pitsong ya bomme le basetsana e e neng e tshwerwe ka Labobedi kwa kgotleng ya Xhosa 1 kwa Mahalapye.

A re ba gwetlhilwe ke go bona tshaba e fela ke dikgang tsa kgokgotsho, a tlhalosa fa keletso ya gagwe ele go aga tshaba e e bopaganeng.

Rre Nyatanga o tlhalositse gore go tswa ngogola go fitlha gompieno, kgaolo ya Mahalapye botlhaba e gatisitse dikgang tsa tsa dipolao di le masome a mabedi.

Go ima ga banana le gone a re go kwa godimo le kgolo ya go anama ga mogare wa HIV. 

Moruti Mpho Moruakgomo go tswa BOFABONETHA, o rotloeditse bomme go godisa bana ka lorato le boikarabelo, le go ba godisetsa mo modimong.

A re bomme ba bue le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le boikgapho.

O gakolotse bomme go itsaya motlhala, ba tseye boikarabelo, ba baakanye tse di senyegileng

A re le bone ba ikgaphe mo go direng mogolaganyane wa bakapelo, ba dibele malwapa.

Moeteledipele wa lekgotla la Men and Boys for Gender Equality, Rre Desmond Lunga a re mme ke motho yo o botlhokwa, o tlhoka go tlotlwa le go babalelwa.

O kopile bomme go itshekatsheka gore a mme kgodiso ya bana ba basimane ba e dira sentle, a supa fa borre le bone ba tlhokomologile seabe sa bone mo baneng.

O kopile bomme go godisa ngwana wa mosetsana le wa mosimane ka tsela e e tshwanang.

Go kailwe fa bana ba sa reetse ba re dilo ke tsa bogologolo bone ba dira tsa segompieno. 

Bomme ba solofeditse go ipaakanya mo go tse ba ntseng ba sa di dire sentle, le go ruta bana, basimane le basetsana ka dikgang tsa botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Mahalapye

Event : Pitso ya bomme

Date : 16 Apr 2026