Dikgomo Dingwe Di Fitlhetswe Ka Dikai Tse Dikgologolo Tsa Tlhako Le Molomo
16 Apr 2026
Dikgomo dingwe di supile dikai tse dikgologolo tsa bolwetse jwa Tlhako le Molomo mo kgaolong ya Good Hope.
Se, se builwe ke Motshwarelela Tona wa Lephata la Lefatshe le Temo Thuo Dr Edwin Dikoloti fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Digawana ka Laboraro.
A re seemo, se ngomola pelo ka gore se supa fa barui bangwe ba ntse ba beile dikgomo ba sa di tsise fa pele ga bakenti go di tlhatlhobela bolwetse jwa Tlhako le Molomo, ntswa di ne di supa dikai.
Ka jalo, o rotloeditse barui gore ba seka ba dira masaka a bone phitlhela-kgomo-ya-serotswana mme ba gollesega go bitsa bakenti ka seo, se ka thusa fela thata go laola kanamo ya bolwetse jwa Tlhako le Molomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Good Hope
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Apr 2026






