Tlhanolo ya Baebele ya Setswapong e simolotse go dirwa
15 Apr 2026
Lekgotla Bible Society of Botswana le tsweletse ka maiteko a go ranolela Baebele mo dipuong tse di farologanyeng tsa mo gae. Maikaelelo a se, ke go dira gore lefoko la Modimo le balwe ke batho ba bantsi ka puo e ba e tlhaloganyang.
Se se builwe ke mogolwane wa Bible Society of Botswana, Mme Tumelo Tlhong kwa Tobera bosheng fa go ribololwa Baebele ya puo ya Khwedam bosheng.
Mme Tlhong o tlhalositse fa lekgotla leo le simolotse go ranolela Baebele mo puong ya Setswapong mono ngwaga, mme ele tiro e e tlaa tsayang lebaka go wediwa.
A re Baebele ya Khwedam e oketsa dithanolo tse di teng le tse di tsweletseng ka go dirwa. O tlhalositse fa lekgotla le kgonne ka thanodi e feletseng ya Baebele ya puo ya Sekalaka ee ribolotsweng ka ngwaga wa 2018.
A re kgolagano e ntsha ya puo ya Shekgalagari e weditswe mme thanolo ya kgolagano e kgologolo ya yone e tsweletse ka go dirwa.
O supile gape fa thanodi ya Baebele ya dipuo tsa Shiyeyi, Naro le puo ya diatla e dirisiwang ke batlhoka kutlo e santse e tsweletse.
Mme Tlhong a re Lekgotla la Baebela le itlamile go ranolela Baebele mo dipuong tsa mo gae, maikaelelo e le go ipelela dingwao tse di farologanyeng tsa lefatshe leno le go fitlhelela batho ba bantsi.
O lebogetse lefatshe la Botswana go bo le tsweletse ka go tlotla diteme tse di farologanyeng jaaka e simolodisitse go kgaso ya dikgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Tobera
Event : Moletlo wa go ribolola baebele
Date : 15 Apr 2026






