Breaking News

Masole a kgwathisa ba mmadikolo

13 Apr 2026

Mo metseletseleng ya metshameko ya liki ya softball e e neng e tshwaretswe mono Gaborone ka Matlhatso, ditlhopha tsa BDF IX di ne tsa padimola tsa UB Giants go utlwala.

Motshameko wa ntlha wa letsatsi o ne o thulantse setlhopha sa bomme sa UB Giants le sa BDF IX se se neng sa ba padimola ka nno di le lesome le bosupa go lefela mo motshamekong o o neng o tsidifetse.

Mme e rile meriti e simolola go nna meleele ga thulana ditlhopha tsa borre mo motshamekong o o neng e le one wa ntlha go thantsha babogedi le batshameki ba ba neng ba tsile ka dipalo.

Motshameki wa UB Giants ebong Philip Tshambane o ne a latlhela dibolo tse di bolelo mme ga go a tsaya nako banna ba masole ba le bararo ba bo ba dule. 

UB Giants fela le yone ya seka ya iponela ntlha, ditlhopha tsoo pedi tsa wetsa legato la ntlha di potokile lee.

Tikologo ya bobedi ya wela ka basimane ba masole ba korontse ntlha ntateng ya go tlhoka tomagano ga ba UB Giants. Wa ntlha go leka go batlela setlhopha sa gagwe nno ke Tshambane, mme a retelelwa. Wa bobedi, wa boraro le ene fela, a ne a kile a re o leka matsipa Segolame Timothy go betsa bolo a tshwere bete ka seatla se le sengwe, ga retela, ba tswa ntse ba huparetse lee basimane ba mmadikolo.

Motshameko wa tswelela fela jalo mme matlhagatlhaga a ntse a ya tlase, BDF IX ka bonya ka bonya e re fa e bona sebaka e latlhele ntlha. Tikologo ya bone ya nna e e khutshwafaditsweng ka batshameki ba ditlhopha tsoo pedi ka bontsi ba retelelwa fela di tloga mme ga seka ga nna le setlhopha se se tsenyang ntlha.

Ya re mo tikologong e e neng e garela motshameko, ya tla e lomile molomo wa tlase BDF IX e itlhaola mo basimaneng. Ba tsenya nno morago ga nno fa Josfett Sankane a betsa bolo e e neng ya ralala basimane ba UB Giants, e ba jesa mokaikai fa BDF IX e ne ya tsenya ntlha tse nne. Tikologo e ya motshameko e ne ya nna telele go di feta tsotlhe, e nne telele tsela ya UB Giants e bo e gopotse motho pina ele ya Tsela ye ya ga Ezra Neethings. Ba re ba a ngapa ngapa ba kwa mmadikolo, ba bo ba ntse malala a laotswe ba BDF IX, ba sa ba fe sebaka sa go ka go ka iponela ntlha go khutlisa motshameko ka nno di le lesome le boraro go lefela.

Se se ne se supa fa bakatisi, Tebogo Makacane le Mabedi Senyerero ya bone tiro ba e dirile fa ba UB Giants ba bo ba sa itumedisiwa ke tshameko ya setlhopha sa bone mme ba kokoanya ka fa tlase ga setlhare mme ga bo go utlwala lentswe la mokatisi a supa go sa itumela.

Maduo a metshameko e mengwe e e tshamekilweng ka Matlhatso a eme jaana: Borre; Bears 16 – 2 Rivals IX, BDF IX 11 – 7 Bears le wa bomme o BDF IX e fentseng Bears ka 12 -0. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Motshameko

Date : 13 Apr 2026