Breaking News

Thololwane o kopa gore dikgomo di tlhatlhelwe

13 Apr 2026

Mookamedi wa twantsho bolwetsi jwa tlhako le molomo e bile e le ngaka ya matlhoko a leruo Dr Odireleng Thololwane o kopile Barolong go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhatlhela.

O tlhalositse gore leruo, segolo jang dikgomo, di santse di bonala di saila mo mebileng le ntswa bolwetsi bo setse bo tshwerwe mo mafelong a mangwe a kgaolo ya Barolong, morago ga gore bolwetsi bo tshwarwe pele mo lefelong la kgwediso ka seatla la Ramatlabama.

Dr Thololwane o supile mo potsolotsong le BOPA gore go tlhoka go tlhatlhela dikgomo go dira gore tiro ya go laola bolwetsi e nne bokete, segolo jang gone mo kgaolong ya Morolong e e senang dikganedi dipe tsedi laolang motsamao wa leruo.

A re mo nakong ya gompieno, ba setse ba tsere tshwetso ya gore ba oketse maiteko a go tlhatlhobela bolwetsi le go dira dikganedi tsa ditsela go netefatsa gore setshaba ga se tsamaise di-tswa-kgomong.

“Rea go dirisa le one maranyane a di drone go re thusa go potiela motsamao wa batho le leruo,” ga tlhalosa jalo rre Thololwane. 

A re maikaelelo ke go leka go kganelela bolwetsi fela fa bo leng teng mme seo seka kgonega fela fa barui le setshaba ba ka dirisanya le bone sentle.

O tsweletse a tlhalosa gore e re ka itsholelo e sa letle gore go agiwe dikganedi tsa diterata tse disha, ba dumalane le maphata a mangwe jaaka a ditsela gore diterata tse di kganelang dikgomo go tsena mo ditseleng tse ditona e nne tsone dikganedi tsa loruo.

O tsweletse a supa fa mo bosheng, motshwarelela tona wa lefatshe le temo-thuo a ne a le kwa Aforika Borwa kwa go neng go simolodisiwa lenaneo la mokento wa tlhako le molomo mo kgaolong ya bokone bophirima. 

A re maikaelelo ke go nna ba tshwara diphuthego mo metseng e e bapileng le terata ya mafatshe a mabedi ao, go ba ruta gore jaanong ba emise go nna ba tlola terata ya molelwane gongwe le gongwe ka le gone go le diphatsa mo go anamiseng mogare.

Mogo tse dingwe baithaopi ba dipitse ba ba ntseng ba leka go ntsha dikgomo kwa molelwaneng wa Botswana le Aforika Borwa gone kwa kgaolong ya Barolong ba supile fa jaanong ba tlaa kgobiwa marapo ke go nna ka tlala, ba supa fa puso e ba itlhokomolositse.

Go tsibogela seo, Rre Thololwane o supile fa ba le mo lenaneong la go thusa baithaopi bao ka dijo gore ba ba nonotshe moko mo tirong e ya go lwantsha kanamo ya bolwetsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Goodhope

Event : Potsolotso

Date : 13 Apr 2026