Breaking News

Go loma thotse go santse go le teng

09 Apr 2026

Go tswa goo lowe, Motswana e ne e le motho le temo thuo. E re ntswa karolo e ya temo e ne e le sone seikokotlelo segolo sa motswedi wa dijo, go ne go na le meila.

Bagologolo ba ne ba dumela gore ngwana fa a sa loma thotse ya molomo, o felela a sa tsoge ,  matsapa di a tsete kae. Ka jalo, setlhopha sa BOPA sene sa buisana le Rre Rex Masegwana wa kwa Molapowabojang go tlhalosa ka thotse ya molomo, e bangwe ba dumelang e le yone molemo wa go tila kgang e.

A re maloba jale, e ne e re fa go lemilwe, ka Firikgong motsadi a kgaole lekatanyane la ntlha kwa tshimong, a le thube a bo a tshase bana mo mehubung ka go tlhatlologana ka dingwaga  mme e re morago a ba ngathise.

Se, a re se ne se direlwa go hema gore ngwana yo monnye a seka a tseela yo motona tlhaloganyo. Rre Masegwana yo a fetileng ka thulaganyo e, a re mo nakong ya gompieno e nyeletse ka tsa kwa masimo di setse di ijelwa nako nngwe le nngwe eseng ka legwetla fela.

Mme fa go ka dirala phoso, lebutswapele le la re mefuta ya kalafi e, e ne e le mebedi, bangwe ba ne ba ka bitsa ngaka ya setso go tla go baakanya seemo kana motsadi a tseye lekatanyane a le thube ka bogare a bo a le phatlakanya mo tlhogong ya ngwana gore go apoge go nne lesedi.

Ka tumelo di farologana go ya ka merafe, Mme Mitumbaa Ngatangue wa  Maun a re mo ngwaong ya Seherero ga ba na moila wa go loma ka tota bone e le batho le thuo mme go lema ba go tseneletse fa gare. A re bone fela fa tsa kwa tshimong di budule ba letsa leino .

Fa kwa Dagwi, Mme Baby Chipani yo o ngwaga di masome a robabobedi le bone, a re mo ngwaong ya Sekalakala, molomo o gabedi. A re ene, e ntse e le mogolo o loma kwa ga Ntogwa kwa go a bong go kopane mawosana (batho ba ba kopang pula kwa ga Nwali).

Mme Chipani, a re ngwaga o, ga a a loma, mme go tlhoka go dira jalo go mo tsentse bokoa. O tlhalosa gore bokopano jo bo direlwa kwa Ramokgwebana kwa mawosana le bao ba ba tlaa bong ba ba boledisetse ba kopanelang teng mme mongwe le mongwe o tla ka se a se lemileng. A re fa o sa lema o ka reka go le gobedi, goraro mme fa ba tsena kwa lefelong leo, tsotlhe tse ba tsileng ka tsone di a kgobokanngwa di neelwe baapei ba tswakanye le melemo ya Setswana.

A re jaaka a ne a seka a tsenelela moletlo o wa go loma  go setse go mmaketse bokoan, kalafi ke gore a ye kwa go mongwe wa baeteledipele ba a kaileng fa ba le kwa mafelong a a farologaneng a ye go mo alafa.

E re le fa go ntse jalo, morafe o wa Bakalaka o na le ngwao ya molomo wa bana, o Mme Chipani a kaileng o direlwa gore bana ba tie. Thulaganyo ya Sekalaka e farologana le ya Sengwaketse ka a tlhalosa gore ba kgetla matlhare a lerotse, a silwe bana ba tshasiwe mo ditokolong. A re fa gongwe, pele go ka jewa, fa go nna le sengwe se se jelweng ke mothwa mo tshimong, e ka tswa e le mmidi kana sepe hela se a tseewa se lomisiwe bana go ba hemela gore ba seka ba lwala le gone go gata mowa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 09 Apr 2026