Breaking News

Bogosi pinagare ya setshaba

08 Apr 2026

Go tswa go Lowe, bogosi ke pinagare ya setshaba ka jaana le motheo wa go tsamaisa lefatshe o agetswe mo go jone, ka jalo, bo tshwanetse go tlotliwa, mme ebile go sa kgoreletswe ditsamaiso tsa ditlhabololo tsa sesha.

Seo, se builwe ke tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ketlhalefile Motshegwa, jaaka a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Ghanzi bosheng, mabapi le seemo sa bogosi jwa motse oo, se se ntseng se sa robalelwa ke ditlhokwa.

Tona Motshegwa o ne a tlhalosa fa bogosi jwa Ghanzi bo tlholegile e le jwa Setswana mme morago jwa fetolelwa kwa go jwa sekgoa ka fa tlase ga tsamaiso ya boeteledipele jwa setoropo.

Le fa go ntse jalo, Rre Motshegwa o ne a supa fa ba ne ba amogela boikuelo jwa banni ba Ghanzi, kgang kgolo e le kopo ya gore puso e fetole tshwetso eo, go busetswe bogosi jwa Setswana.

A re mabaka a bone a ne a ikaegile ka go sireletsa ngwao ya setswana mo motseng wa bone, e ba neng ba dumela e nyelela ka monokela.

O ne a tlhalosa fa goromenete a ikemeseditse go sireletsa ditshwanelo tsa batho gammogo le go rotloetsa therisanyo.

 Rre Motshegwa a re ba ne ba ntsha lekoko la magosi a le mararo le le neng la filwe boikarabelo jwa go buisana le morafe ka kgang ya bogosi le gore ba eletsa e ka nna jwa sebopego se se ntseng jang.

A re tiro e, e tsamaile ka bonokopila le manontlhotlho le mororo go seke go tlhokafala dilabe.

Rre Motshegwa o ne akgola lekolo leo, le le neng le akaretsa, Mothusa Kgosi wa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi,Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe, Kgosana wa Otse Omphitlhetse Mphaphi,ba tshwaragane le ba lekgotla la Ditshwanelo .

A re therisanyo eo, e ne ya simolola kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a ferabongwe go ema e le malatsi a le lesome le boraro monongwaga.

Rre Motshegwa o ne a iteela kobo moroko mafoko a lekoko leo, ka go gatelela tshwetso ya gore boeteledipele jwa bogosi jwa Ghanzi bo tla nna jwa Setswana, ka fa tlase ga boeteledipele jwa lwapa loora Thamae, e le ba letso la Basarwa, mme bathusi ba bone e tla nna boora Setima e le ba letso la Bakgalagadi, e le maemo a tla jewang boswa otlhe. A re maemo a kgosana one, a tla nna a a tlhophelwang go tswa mo merafeng e mengwe e mo motseng.

Rre Motshegwa o ne a ikuela mo morafeng, go fokotsa dikubetsano tsa maemo a bogosi, ka jalo, a ba gwetlha go kwala ditso tsa merafe gammogo le dikgotla tsa bone mme di bo di rurifadiwa mo lekgotleng morago ga go buisana le morafe ka kakaretso.

 A re seo, se tlaa thusa go menagane go itsa ketsaetsego ya tatelano ya maemo a bogosi mo isagong.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Moemedi kwa ntlong ya Dikgosi, Kgosi Esau Molehele, o ne a amogela tshwetso ya tharabololo ya kgang ya bogosi mo sebakeng sa kgwedi tse tharo, tshwetso e a supileng e sa bolo go goga dingwaga go sena nko e tswang lemina.

A re morafe o ne o le kgatlhanong bogosi jwa setoropo jaaka ba ne ba dumela gore bo a ba patika go tsosolosa le go somarela ngwao ya bone, a supa fa ba na le tshaimaelo jananong ya go tsosolosa serodumo sa dingwao tsa bone ka tshosologo.

Morafe o ne wa itela legofi tshwetso e e tserweng mme ba rurifaletsa tona fa ba tla tshwaraganela go bopa le go dibela se ba sa bolong go se eletsa.

Mo mafokong a gagwe a malebo, Modulasetilo wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Thabiso Kebadile, o ne a iteela legofi tshwetso a re e tlaa nonotsha kagiso le ledula mo motseng wa bone. O ne a gwetlha morafe go nna seopo sengwe, ba kgaphele kwa thoko dipharologanyo tsa semorafe mme ba amogele tshwetso ya puso ba dibele bogosi jwa bone jwa Setswana mme gape ba tshwaragane le makgotla a mangwe a tsamaisang puso. BOKHUTLO 

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : GHANZI

Event : Kgotla meeting

Date : 08 Apr 2026