Sekole se tlaa bulwa
01 Apr 2026
Banni ba Ditshiping mo makgobokgobong a Okavango ba dumalane gore sekole sa bananyana se bulwe morago ga go tswalwa dikgwedi tse tharo ka ntlha ya dipharologanyo tsa bone.
Bangwe ba ne ba supa fa ba sa tlhole ba itumelela tirisanyo ya bone le mogwebi yo o ntseng a tsamaisa sekole seo mo dingwageng tse tlhano fa bangwe ba re o ka se tsamaisa gape ka jaana teseletso ya gagwe e shafaditswe.
Dipharologanyo tseo di ne tsa felela dibaka gore bangwe ba ikuele kwa ofising ya ga molaodi fa bangwe ba ne ba isa selelo sa bone kwa ofising ya Mosireletsi.
Ba ne ba ngongoregela gore bana ba runtshiwa tshwanelo ya bone ya go akola thuto, ka bangwe ba eteletsa dikgatlhego tsa bone kwa pele go na le tsa bana.
Tumelo ya bone e ne e le gore bana ba ka nama ba tsweletse ka go tsena sekole fa banni ba leka go rarabolola kgang ya gore sekole se tla tsamaisiwa ke mang ka bone ba sa tlhole ba batla tirisanyo le yo ntseng a se tsamaisa.
Ka jalo tshwetso ya go bula sekole e ne ya tsewa mo kgotleng morago ga gore lekoko le le akaretsang ofisi ya ga molaodi, ba bogosi le ba khansele ba rerisanye le banni ka jaana le bone ba ne ba tshwenyega ka gore bana runtshiwa tshwanelo ya go akola thuto ka ntlha ya dipharologanyo tsa banni.
Le fa go ntse jalo, kgaruru e ne ya lara ka lobakanyana banni ba ipobola gore sekole se ka tsamaisiwa ke mang mme kwa bofelong ba dumalana go tsena mo ditlhophong tse di feletseng di neela lekgotla la Honey Guide Adventure Trust boikarabelo jwa go tsamaisa sekole.
Lekgotla leo le gakolotse go dirisanya le komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Shorobe go emisa konteraka ya mogwebi yo ntseng a tsamaisa sekole, mme ba dira jalo ba setse tsamaiso morago le gone go dira tse di maleba gore fa paka ya bobedi ya sekole e simolola bana ba akole thuto.
E ne rile gole pele, mothusa molaodi, Mme Omphile Mogorosi a tlhalosa fa puso e rotloetsa gore ngwana mongwe le mongwe go sa kgathelesege gore o ko kae a tshwanela ke go akola thuto ka jalo a supa fa go tswalwa ga sekole e le go rontsha bana tshwanelo ya bone.
“Mo kgannyeng e le tshwanetse laa baya kwa pele dikgatlhego tsa bana ka jaana thuto e le yone konokono mo botshelong. Le tshwanetse la bereka lo le seoposengwe gore le kgone go rarabolola dikgang tsa lona ka kagiso,” a tlatsa jalo Mme Mogorosi a lebogela tshwetso e e tserweng ya go bulwa ga sekole.
Mogolwane wa boipelego, Mme Iteleleng Motsumi one a otlelela mafoko ao a tlhalosa fa go tlhabologa ga motho go raya thuto mme a supa fa go tswalwa ga sekole e le go rontsha bana tshwanelo ya thuto le go itlhabolola. O tlhalositse fa ba ne ba shwafatsa teseletso ya mogwebi wa pele ka jaana gone go sena sekgoreletsi sepe mo go tse ba di rurifatsang pele ba ka ntsha teseletso.
A re le ntswa teseletso ya mogwebi yoo e le mo tirisong, fa morafe o dumalana gore ga ba sa tlhole ba batla go tswelela le ene, ba ka emisa tirisanyo ba setse tsamaiso morago mme ba tsenya yo ba mmatlang.
Fa a garela kgang, Kgosi Oleyo Ledimo o ne a gatelela botlhokwa jwa go dira se se maleba a tlatsa ka gore banni ba tshwanetse ba isa dilelo tsa bone kwa go tshwanetseng ba sa fapoge tsamaiso. ENDS
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Ditshiping
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Apr 2026







