Tiro e tsweletse go isa metsi kwa metseng ya Bobirwa
31 Mar 2026
Kago ya letamo la Thune le diphaephe tse di phatlalatsang metsi mo metseng ya Bobirwa e kgaogantswe ka dikonteraka di le thataro go isa metsi kwa metseng e le lesome.
Fa a araba potso kwa Palamenteng ka Mosupologo, mothusa tona wa lephata la metsi le bonno, Rre Motsamai Motsamai o tlhalositse fa dikonteraka tse nne tse di akaretsang kago ya letamo la Thune, mafelo a go tlhatswa metsi le diphaephe tse di isang metsi kwa metseng ya Lepokole, Gobojango, Semolale, Mabolwe le Mathabaneng, di weditswe ka ngwaga wa 2018.
Rre Motsamai o ne a re dikonteraka tse pedi (contract 3B le 3C) tse le tsone di tlaa isang metsi kwa metseng e e boletsweng di tlaa dirwa, a tlatsa ka gore lephata ga le ise le kgone go simolola dikonteraka tse ka mabaka a letlhoko la madi.
O ne a tswelela a tlhalosa fa dikonteraka tse pedi tse di setseng (Contract 3B le 3C), tse le tsone di tlaa isang metsi kwa metseng e e setseng, di ise di simololwe ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
Rre Motsamai o ne a tlhalosa gape fa maiteko a ne a dirwa ka 2024 go simolola tiro eo, mme ga seka ga atlega ka jaana nngwe ya dikhampane tse di neng di tseneletse mo thendareng ya Contract 3B e ne ya ganetsa maduo a thendara mme ya isa kgang kwa lekgotleng la Procurement Tribunal, a tlatsa ka gore kgang eo ga e ise e rarabololwe.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo a lephata e le go diragatsa tiro e e saletseng kwa morago ya Contract 3B le 3C fa seemo sa madi se ka tokafala mo ngwageng wa madi wa 2026/2027, gape le fa kgang ya Contract 3B e setse e rarabolotswe kwa Procurement Tribunal.
Mopalamente wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Taolo Lucas, o ne a kopile tona go tlhalosetsa Palamente gore tiro kgotsa thulaganyo e kopanyang noka ya Thune le metse ya Lepokole, Gobojango, Semolale, Mabolwe le Mathabaneng go ba neela metsi e tsamaya kae.
Rre Lucas o ne a kopa go tlhalosediwa ka dikgwetho tse ba kopanang le tsone go thibela maikemisetso ao, mmogo le gore ba tlaa rarabolola jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Parliament
Date : 31 Mar 2026





