Breaking News

Ba Tsabong ba rapelela ditsela

31 Mar 2026

Ba komiti ya ipabalelo tseleng mo kgaolong ya Kgalagadi borwa ba tshwaraganye le ba lekgotla la baruti ba ne ba tshwere merapelo go rapelela mesepele go ya malatsing a boitapoloso a papolo ya morena jaaka a le gaufi.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo ka Laboraro mo kgotleng kgolo ya Tsabong, mothusa molaodi Mme Maitumelo Maemo o ne a tlhalosa fa merapelo eo e akaretsa masula otlhe le matshwenyego a a diragalang mo lefatsheng leno ebile a tsweletse ka go golela pele.

A re go setse go na le mowa o o maswe o o jwelelang mo lefatsheng leno wa dipalo tse di kwa godimo tsa dipolao tsa bomme le bana, kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, dikotsi, borukutlhi, ditagi le tse dingwe.

O ne a supa fa ditiragalo tseo di garola pelo mme jaanong mongwe le mongwe a tshela ka poifo.

Mme Maemo o ne a gakolola bogolo jang borre gore fa lorato lo fedile, ba tshwanetse go amogela e seng go tsaya ditshwetso tse di seng maleba le gore ba nne le letswalo le poifo modimo gore ba se raelesege.

O ne a kgothatsa baeteledipele le baruti ba dikereke go gasa molaetsa le go rera lefoko la modimo ba itebagantse le masula otlhe a diragalang mo lefatsheng leno. 

A re bokopano bo fa komiti ya ipabalelo tseleng, baruti le diphuthego le sepodisi go buisana  le go gakololana ka fokotsa dikotsi tse di tsweletseng ka go nyeletsa sika loo motho.

Mme Maemo a re matshwenyego a mangwe ke a ditagi, a supa fa seo se bakwa ke barekisi ba ba di rekisetsang bana ba dikole ka bokukuntshwane, selo se se felelang se ba tsenyetsa bokamoso, mme a kopa gore ope yo o ka lemogang seo a lome mapodisi tsebe gore ba kgone go tseelwa dikgato tse di maleba.

Moeteledipele wa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng Mme Mando Chaba o ne a supa fa mo bogaufing ditlhwatlhwa tsa dikatlholo tsa tsela di tlaa okediwa, maikalelo e le go fokotsa melato ya tsela gore bakgweetsi ba kgone go fetola boitshwaro jwa bone ka seo se ka thusa go fokotsa dikotsi tse di felelang di baka dintsho, mme seo se ame itsholelo ya lefatsheng leno.

Mme Chaba, yo gape e leng mokwaledi mo komiting ya ipabalelo tseleng a re komiti eo le ba sepodisi, ba tsweletse ka letsholo la go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng kwa dikerekeng ka nako ya paseka e le gaufi, le go tsamaya mo ditseleng ba ruta le go gakolola batsamaya ka dinao le setshaba ka kakaretso.

Superintendent Reuben Ramoleele, yo e leng mookamela mapodisi a tsa pharakano o ne bua ka dipalo palo tsa dikotsi go tswa Bokspits go ya Kang.

O ne a tlhalosa fa ka 2025, ba gatisitse di le lekgolo masome a mane le boferabobedi, mme go tlhokafetse batho ba le lesome le motso, fa ka ngwaga wa 2026 ba gatisitse di le lesome le boferabongwe, mme go setse go tlhokafetse motho a le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Merapelo

Date : 31 Mar 2026