Bomme ba amiwa ke kgokgontsho
30 Mar 2026
Mogolwane wa tsa bogakolodi le tsa tumelo wa sepodisi sa Botswana Superintendent Mpoloka Maseko o kopile bomme go emana nokeng.
Fa a bua kwa pitsong ya bomme kwa Kodibeleng ka Labone, o supile fa go tshwenya go bona bomme ba sa batle go bona bomme ba bangwe ba atlega mo botshelong.
A re go bo bomme ka bontsi ba amilwe ke kgokgontsho ke sengwe se se ka bong se dira gore bomme ba tshwaragane le go dira mmogo gore ba fitlhelele ditoro tsa bone.
O boletse fa go ikemela ka dinao le go tshwaraganela go fenya khumanego go ka ba thusa go falola kgokgontsho, e a boletseng fa bontsi jwa nako, e bakwa ke go ikaega phetelela ka borre.
Supritendent Maseko o kaile gore le fa bomme ba amilwe ke kgokgontsho ka dipalo tse di kwa godimo, borre le bone ba tsweletse ka go amega.
O ikuetse mo go bomme go emisa kgokgontsho mo go borre, a supa fa go se motho ope yo o tshwanetseng go tshelela ka fa tlase ga kgokgontsho.
Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong Rre Moneedi Bagaisamang o ne a re dikgang tsa kgokgontsho tse di diragalang kwa kgaolong ya Shoshong bogolo jang tsa dipolao di tshwenya.
O lebogetse sepodisi kwa Shoshong tiro e ntle e ba e dirang go lwantsha kgokgontsho, a tlatsa ka gore puso e eme ka dinao go lwantsha mamba yoo.
Rre Bagaisamang o kopile bomme le borre go dibela bana mo kgokgontshong, a tlhalosa fa go fapaana ka mafoko fa pele ga bana e le go ba kgokgontsha maikutlo.
Kgosi wa Kodibeleng Kgosi Gofaone Khukhwane o tlhalositse fa tiro eo maikaelelo a yone e le go fa bomme sebaka sa go itshekatsheka, go amogana maele le go arogana maitemogelo ka dikgang tsa kgokgontsho.
A re batshwentswe ke ditiragalo tsa kgokgontsho tse di diragalelang bomme le bana ba basetsana. O boletse fa maikaelelo a mongwe ele go nonotsha bomme gore ba ikemele.
Mogolwane wa sepodisi wa lekalana la tshireletso ya bana wa kgaolo ya Shoshong Sergeant Elizabeth Rammidi a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipetelelo le tiriso botlhaswa ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Kodibeleng
Event : Pitso ya bomme
Date : 30 Mar 2026




