Breaking News

A lefatshe le beeletse mo go bomme -Taolo

30 Mar 2026

 Mokwaledi wa khansele ya toropo ya Lobatse Mme Lenamile Taolo a re go beeletsa mo go bomme go ka thusa itsholelo ya malwapa le ya lefatshe go itshetlela mme tse tsotlhe di ise kwa katlegong ya botlhe.

O buile jalo ka Laboraro kwa Lobatse jaaka go ne go tshwerwe segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la bomme, a bolela fa mme e le thari ya setshaba. O boletse fa motho wa mme e le motshegetsi le mosireletsi.

O tsweletse a tlatsa ka gore bomme ka tlholego ya bone ba itse go tsamaisa itsholelo le fa ba sena dithutego tsa yone, a re le fa go ntse jalo go tshwanetse ga sekasekwa gore bomme ba Botswana ba kgonne eng.

Mme Taolo o tsweletse a tlhalosa gore dikgwetlho di teng tse di lebaneng bomme jaaka kgokgontsho ya bong, e e leng nngwe ya matshwenyego a matona mo setshabeng, letlhoko la ditiro mo bananeng le gone go nna le kemedi e e kwa tlase mo boeteledipeleng le mo go tseyeng ditshwetso.

O boletse fa thuto e le yone konokono ga mmogo le thotloetso go nonotsha bana ba basetsana ba toropo ya Lobatse, ba a supileng fa ba tlhoka go sugiwa, le gone go neelwa maele a boeteledipele le a bogwebi gore ba kgone go ikemela ka dinao mo botshelong.

Mo go tse dingwe o boletse gore ba tshwanetse ba nonotshiwa gore bokgoni jwa bone bo tswele kwa ntle, segolo jang jwa go tsamaisa dikgwebo.

O boletse gape fa seelo sa dithuso tsa madi tse di fiwang banana se le kwatlase, ka jalo se sa lekana gore ba bo ba ka dira dikgwebo tse di itshetletseng.

Mme Taolo a re bomme ba tshwanetse go rotloediwa go itse le go dirisa ditlamelo tsa semolao ,a re ba-tswa-setlhabelo ba kgokgontsho ya bong ba tlhoka tshireletso e akaretsa go bewa kwa mafelong a a faphegileng.

O tsweletse a tlatsa ka gore kwa ditirong batho ba tshwanetse ba nna le sebaka sa go tswelela ka go lekalekana, a re bomme fela jaaka borre ba tshwanetse ba tswelela le gone go tsewa sentle.

Mo go tse dingwe o boletse fa toropo ya Lobatse e tshwanetse ya nna le koporase ya bomme e e akaretsang mafelo a ithutuntsho, se e le tsela ya go rotloetsa mananeo a banana le a bomme.

Mme Taolo a re go tshwanetse ga fiwa bomme le bana ba basetsana thuto e e ba nonotshang, go ba fa sebaka sa go tsenya letsogo mo tsa itsholelo, go ba fa tikologo e e babalesegileng e bile e sena kgokgontsho ya bong.

Mogolwane wa tsa bong (BALA Gender Commissioner) e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Joyce Santagane a re go nonotsha bomme le bana ba basetsana ka go baya mo seemong sa go ka itshetsa, go ka ba thusa go inoga mo kgokgontshong.

Mme Santagane a re lephata la bong le tshwanetse la fiwa madi a a lekaneng gore le kgone go ba thusa go itshimololela dikgwebo go itsa go tswelela ba ikaegile ka borre, selo se a boletseng fa se ba paledisa go tswa mo kgokgontshong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Segopotso sa letsatsi la bomme-

Date : 30 Mar 2026