Ramogapi o itumelela tswelelopele
30 Mar 2026
Tona wa metsi le bonno Rre Onneetse Ramogapi a re o itumeletse ka fa tiro ya Bonno National Housing Programme e tsweletseng ka teng mo Palapye. O buile se ka Labotlhano jaaka fa a ne a etetse mafelo a go agiwang matlo a lenaneo le kwa Extension 7 le Extension 11 a go neng ga supega fa mangwe a one a setse a fedile fa a mangwe a le mo dikgatong tse di farologaneng tsa kago.
Rre Ramogapi a re ntswa go na le dikgwetlho tse di farologaneng, go na le tema e e bonalang mo lenaneong le. O ne a supa fa puso e ipeetse seelo sa go aga matlo a le 100 000 mo dingwageng tse tlhano, mme maikaelelo a lenaneo le e le go hema letlhoko la boroko jwa bodiredi le bonno jwa Batswana.
Ka jalo a re fa go senang dikgwetlho tse di amanang le tsa lefatshe, lenaneo le tsweletse. O ne a supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba utlwe dikgang tsa lenaneo le e le tsa boammaruri jaaka fa a tsweletse a lekola a bo a ba neela boammaruri jo bo leng teng.
Mo bokopanong jwa gagwe le ba-na-le seabe, Rre Ramogapi o ne a ba kopa gore ba tsholetse dinao gore puso e fitlhelele maikaelelo a yone. O ne a ba kopa gore ba nne le bokopano kgapetsa kgapetsa go lekodisanya dikgang tsa lenaneo gore di tsamaya fa kae.
Gape o ne a ba kopa go kopanela dikgang di tshwana le tsa Secure Land Title tse go lebegang e le tsone di dirang gore lenaneo le tsamae ka bonya. A re mo motseng wa Palapye go na le bangwe ba bagwebi ba ba emetseng go simolola dikago tsa lenaneo le mme go na le tiego ntateng ya Secure Land Title, a supa fa ba na le seabe ba tshwanetse ba e tsibogele gore bagwebi ba simolole tiro.
Mogolwane kwa Botswana Housing Corporation (BHC) Professor Selina Busang o ne a tlhalosa fa matlo a a tsweletseng kwa mafelong a Extension 7 le 11 a le masome a matlhano le bongwe 51 mme a le mo go 58.7 per cent go fela.
O supile fa matlo a a ne a ka bo a setse a le mo karolong e nngwe e e kwa pele ya kago mme a ne a kgorelediwa ke dipula tse di neng tsa na ka bontsi mo Palapye bosheng. A re ka tshwanelo, dikago tse di tshwanetse di bo di weditswe mafelo a kgwedi ya Phukwi e fela.
Kgosi Martha Lebang wa Palapye o ne a supa fa a itumeletse matlo a mme se e le nngwe ya ditlhabololo tse di tla a tsosang motse wa Palapye. A re Palapye ke motse o o golang ka lebelo le le kwa godimo ka jalo ga go a tshwanela gore go nne le letlhoko le le tshwanang le la boroko.
Kgosi Lebang a re ntswa bangwe ba ne ba na le dipelaelo ka matlo a, o rurifatsa fa a le teng a tsweletse e bile mangwe a one a fedile fa a mangwe a tloga a fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Ketelo ya kago ya matlo
Date : 30 Mar 2026




