Breaking News

Mabutswapele a tlhalosa thotse

26 Mar 2026

Thulaganyo ya go ja thotse e ne e rotloetsa boikgapho le maitsholo a mantle mo lenyalong, mme malwapa a ne a aparetswe ke ledula ka ntlha ya yone.

Ene yare ka Mosupologo, babega dikgang ba BOPA ba tsaya loeto go ya kwa Molapowabojang kwa ba fitlhetseng matlhogotshweu a ba emetse go arogana le bone dikitso dingwe tsa setso. Ya re go goroga, Kgosi Kedirile Letshabo a bo a phuthile mabutswapele aa amuleng kitso ka  molemo wa setso o o bidiwang thotse.

Thotse ke pinagare ya tsamaiso e e botlhokwa ya ngwao, e maikaelelo a yone e leng go dibela lenyalo ka go tswalela ntle metsenelela epe e e ka eletsang go tlhagela ka fa teng ga lelwapa. Rre Rex Masegwana o ne a tlhalosa fa bogologolo e ne e re fa moeka a le kwa a leng teng, a batle molemo wa thotse, e re fela fa a lebile lelwapa a o goge mme a simologelwe ke go ethimola.

E re ntswa ba ba kwa lwapeng, e bong mosadi le bana ba sa goga molemo oo, ba tlaa bo le bone ba simologelwa ke go ethimola. Se, se ne se lemogwa e le sesupo sa fa tsotlhe di apere tshiamo mo lwapeng.

Go ya ka Rre Masegwana, go fapoga ga mongwe wa banyalani ba ba tshwaragantsweng ka thotse go ne go nale ditlamorago tse di maswe, di akaretsa go baka bolwetse le lone leso tota fa yo o amegileng a ka seke a bone thuso e e maleba. A re ditlamorago tse di ne di ka ama botlhe mo lwapeng go akarediwa le bana.

Go re thotse e anamela jang kwa baneng ke masaitsiweng, mme Rre Masegwana a re fela fa mongwe wa banyalani a ka iphitlha, e nna gone jaaka bolwetse bo tsene ka lelwapa, mme a bolela fa bo ne bo itshupa ka dikai tse di tshwanang le tsa mhikela.

Go ya ka Mme Boitumelo Ntoko, go loma kana go ja thotse, mo e leng ngwao ya merafe e akaretsa Bakwena le Bangwaketse, e ne e le thulaganyo e e faphegileng ya go tsenya banyalani mo lwapeng la bone le lesha morago ga go nyalana.

A re ka thulaganyo e, ngwetsi e ne e gorosediwa kwa ga matsale, kwa e tlaa reng morago ga wa rre a sena go agela mosadi wa gagwe, bobedi jo, bo ye go tsenngwa kwa lwapeng la bone ke ngaka a dirisa thotse. Mme Ntoko o tlhalosa gore fa go dirilwe jaana, mosadi o ne a sa tshwanela gore e re le fa e le ka tsatsi lepe, a tsenye monna ope mo lwapeng ka go dira jalo, go ne go ka baka ditlamorago tse di botlhoko.

A re go ja thotse e ne le sekai sa tebelopele e bagolo ba maloba ba neng ba nale yone tebang le gore go ka dirwa jang gore manyalo a itshetlele. A re thulaganyo e, e ne e rotloetsa boikgapho le maitsholo a mantle mo lenyalong, mme malwapa a ne a aparetswe ke ledula ka ntlha ya yone.

Kgosana, Rre Odirile Pema ene a re ka ngwao ya Sengwaketse, thotse e ne e dirisiwa go thaya lelwapa le lesha la banyalani, a tlhalosa fa wa rre a ne a sa tshwanela go aga pele a gorosa, ka jaana bobedi jo bo ne bo tshwanela go tsena mo lwapeng le lesha mmogo ka thulaganyo ya tiriso ya thotse.

“E a bolaya, ga e ome,” go tlhagisa Rre Pema, a gatelela kgang ya borai jwa go sa obamela melawana ya thotse.

A re ditlamorago tsa go tlola molawana wa go ikgapha di ila rre, mme le ngwana. A re fa rre kana mme yo o fetileng ka thulaganyo e a ka tsietsa, o kgona go kubugelwa ke tlhogo e e ka kgaupetsang botshelo jwa gagwe

Rre Masegwana o ne a koma ka tlhogo, a dumalana le ka fa borai jwa thotse bo kaiwang ka teng jaaka Rre Pema a ne a supa fa e kgona go tlhasela bana lwapa a bo le tswalwe ka letlhaku. Go ethimola mo go bolelwang go tlhasela ba ba amegang go kailwe e a bo e le jaaka molemo wa thotse o phatlalatsa loso le le neng le ka diragala fa ope wa banyalani a ne a ka bo a fapogile tsela.

Thotse ke eng ebile e jewa ke bomang?

Lebutswapele Mme Gaahele Dikoloti ene o ne a simolola fela ka go gatelela fa thotse e ka baka bolwetse jo bo ka bakelang motho loso. Ka boripana, Mme Dikoloti o tlhalositse fa go ja thotse e le thulaganyo a banyalani ba basha ba tlhakanelang dikobo go dirisiwa ditlhare tsa setso, go dira jalo e le jaaka ba tshwaraganngwa mo nyalong ya bone.

A re morago ga tshwaragano eno ya ntlha, thotse e ya go tswelela e jewa ke banyalani ka tsatsi la ntlha la ngwaga mongwe le mongwe, thulaganyo e a supileng fa e dirwa fela ke bao ba manyalo a bone e thaetsweng mo tsamaisong eo. E re ntswa ngwaga di ile, le puo e setse e nna bonya, Mme Dikoloti ga a gakwe ke sepe fa a tlhalosa ka borai jwa go tlhoka go ilela thotse.

A re mo lwapeng la gagwe o setse a kile a bona ditlamorago tsa thotse ka matlho fa e ne e beile mongwe fa fatshe e mo khinne maoto morago ga go tlhoka go ikilela. A re le fa kwa tshimologong a ne a nna kgatlhanong le gore botlhe ba ba mo lwapeng ba gogisiwe molemo go thusa yo o mo pitlaganong, o ne a busa pelo morago ga go lemotshiwa fa go sa direng se se tshwanetseng go ka bakela yo o kubugetsweng ke bolwetse loso.

“Go tloga ka tsatsi leo ka bona gore thotse e bosula e bile e a bolaya,” ga bua Mme Dikoloti.

Monana, Rre Tuelo Kgomoyarona a re ka motho a sa itsiwe e se naga, thulaganyo go ya ka batlapele e ne e le gore fa wa rre a goroga a tswa makgoeng, a gorogele kwa ga mmaagwe, pele mme e re a le koo, go batliwe ngaka go ya go mo gorosa kwa lwapeng la gagwe.

A re go bolelwa fa se, se ne se direlwa gore ngaka e kgone go tima epe melelo e e ka nnang teng pele ga ditlamorago tsa thotse di ka runya. Baitse ba dilo tsa pele ba, ba supile fa bagolo ba ne ba kgona go lemoga fa mpuru a faretswe, mme go batliwe ngaka ya setso go tla go thusa. Ba re fa thotse e ka se lemogiwe di tloga, e kgona go iphetola thibamo.

Kgosi Letshabo a re go ya ka tumelo ya gagwe, thotse e ne e direlwa gore go seka ga nna le go tsietsana. E re ntswa thulaganyo ya thotse e sa tlhole e le teng, ba dumalane ka bongwe jwa pelo matlhogopuswa gore fa ngwao e e ka boelwa, tsotlhe di ka apara tshiamo.

Ba dumela gore le dintsho tse di bakwang ke go tsietsana tse mo nakong eno di kekelang jaaka molelo wa mariga di ka ema. BOPA

Source : BOPA

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Location : Molapowabojang

Event : Potsolotso

Date : 26 Mar 2026