Maiteko a banni ba Letsholathebe a a itumedisa
25 Mar 2026
Kgosi yo o sa tswang go tlhongwa wa Letsholathebe o akgoletse morafe seabe sa one mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa tlhako le molomo.
Kgosi Mbiganyi Letsholathebe o ntshitse kakgolo e ka Matlhatso kwa tirong ya go mo rola mo morafeng wa gagwe. Kgosi Letsholathebe a re le fa a gorogile ka nako e e thata ya tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo, o lebogela ka fa morafe wa gagwe o tshwereng ka thata ka teng mo go thuseng lefatshe go fenya bolwetse jwa tlhako le molomo.
“Fa go ntse jaana go supa gore re a utlwa e bile re ya golo gongwe, mme fa re ka tswelela fela jalo, re sa emise tlhokomelo ya leruo la rona, re ka fenya bolwetse jo,” o ne a tshwaela jalo, a supa fa go ikitaya ka thupana ga banni le go tshegetsa ditaelo tsa ba matlhoko a leruo go tiisa moko,.
A re maiteko a banni a tlaa thusa lefatshe la Botswana go inoga mo dipharagobeng tsa bolwetse jwa tlhako le molomo ka bofefo. O ba tlhaloseditse fa kgomo e le khumo ya Motswana mme ba sa tshwanela go di tlogela di gobeya mo nageng. A supa fa go sa tlhokomeleng leruo go ka bakela barui tatlhegelo e kgolo bogolo jang fa go lebilwe seelo sa phimolo dikeledi ya kgomo fa e bolawa fa e fitlhetswe e nale tlhako le molomo.
Kgosi Letsholathebe o lebogetse morafe go bo o bopile mophato o o baakanyang terata e e laolang matlhoko a leruo, a tlhalosa fa se se tlaa thusa go laola tlhako le molomo le malwetse a mangwe a leruo. Mo go tse dingwe, Kgosi o ne a kopa morafe go tsosolosa dikomiti tsa motse. O ne a ithaopa go etelela pele komiti ya twantsho borokutlhi e a kaileng fa e tshwanetse ya tsosolosiwa ka bofefo le fa borukutlhi bo se kalo mo motseng oo.
Fa a ama ntlha e nngwe, o ne a re motse wa Letsholathebe o rena ka tidimalo bosigo, selo se a boletseng fa se le molemo thata bogolo jang ka go sena mafelo a a sa letlelelwang a a rekisang majalwa a a itirelwang mo malwapeng. Tebang le kagisano ya banni, o ne a ba kopa go ikaga le go itlwaetsa go rarabolola tlhoka-kutlwisisanyo tsa bone ka kagiso ntle le go di isa fa pele ga bogosi.
“Fa o bona mongwe ka wena a sa dire sengwe sentle, mo lemotshe gore tsela e a e tsamayang ga se yone, o seka wa mo tlogela a wela ka lemena a bo o tsoga o re o mmoleletse mme o ne o sa tsaya kgato,” ga rialo Kgosi Letsholathebe.
E rile a ntsha molaetsa wa kgotlhatso, Mme Ludo Mosojane o ne a itsese Kgosi Letsholathebe fa baagi ba motse oo ba beile mo go ene go tla ka tebelopele e e tlaa tlhabololang motse wa bone. O tlhalositse fa Kgosi a gorogile ka nako e motse o ikgantshang ka barutegi ba le bantsi ba ba ka thusang go tokafatsa mananeo a gagwe a go fetola motse le gore ditoro le megopolo ya gagwe ka motse di diragale.
Mogolwane wa makgotla a Setswana, Rre Samuel Siphiti o ne a tlhalosa fa ba lebanwe ke dikgwetlho tsa dikgang tsa go lwela bogosi. A re se, se ne sa baka gore lephata la makgotla a Setswana le dire lenaneo la go simolola ka ngwaga wa 2018 go ya kwa go 2023 la go itebaganya le matshwenyego a neelano bogosi.
O tlhalositse fa maikaelelo a lenaneo le e ne e le gore lelwapa lengwe le lengwe la bogosi le dire tlhatlologano le neelano ya bogosi go itsa dikgotlhang tsa fa yo o mo setilong sa bogosi a se fologa ka mabaka ape fela.
Rre Siphiti o ne a rotloetsa Kgosi Letsholathebe go ikanya tiriso ya melao ya makgotla a Setswana le wa Bogosi Act le go ithuta mo go ba ba ntseng ba tshwere kgotla ba tsamaisa ditsheko ka a ka anywa go le go ntsi mo go bone.
“Go ya ka tsamaiso ya rona, dikgang tsotlhe tsa tetlanyo, di simolola mo makgotleng a Setswana ka go aga morafe e seng go ba sekisa,” ga rialo Rre Siphiti. BOPA
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Letsholathebe
Event : Moletlo
Date : 25 Mar 2026




